JEREMIA 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jeremia o botsisisa Morena

1O tshiamo, Jehofa mogang ke go rapelang; le fa go ntse jalo ke rata ka ganetsanya nao ka ga mafoko a: Ke ka ntlha yang fa tsela ya baikepi e segofala? Ke ka ntlha yang fa botlhe ba ba dirang ka bolotsana thata ba iketlile fela?

2O ba tlhomile, ee, ba namile metswe; ee, ba a gola, ba a ungwa; o gaufi mo molomong wa bone, o kgakala le diphilo tsa bone.

3Nna, Jehofa, o a nkitse; o a mpona, o leka pelo ya me ka fa e go ikutlwang ka teng; ba swatolele kwa tlhabong jaaka dinku, o ba baakanyetse motlha wa polao.

4Ana lefatshe le tlaa hutsafala ka lobaka lo lo kaye, le merogo ya lefatshe lotlhe e swaba? Ditshedi di a nyelediwa, le dinonyane, ka ntlha ya boikepo jwa ba ba agileng mo go lone; gonne ba rile: “Ga a ketla a bona bokhutlo jwa rona.”

5“Fa o tabogile le batho ba dinao, mme ba go lapisitse, foo a ka ganela jang le dipitse? Le fa o bolokegile o le mo lefatsheng la kagiso, ana o tlaa dirang mo kgogomogong ya Joretane?

6Gonne le ba e leng bana ba ga rraago, le ba ntlo ya ga rraago, ke bone ba ba go diretseng ka bolotsana; ke bone ba ba go thomeleleditseng ka thata; o se ka wa ba dumela, le fa ba bua mafoko a a molemo nao.”

Morena o utlwela batho ba gagwe botlhoko

7“Ke tlogetse ntlo ya me,

ke latlhile boswa jwa me;

moratwi yo mogolo

wa mowa wa me,

ke mo tsentse mo seatleng

sa baba ba gagwe.

8Boswa jwa me bo ntlhanogetse,

o ntse jaaka tau mo sekgweng:

o nkgoeletse ka lonyatso;

ke gone ka moo ke mo tlhoileng.

9A boswa jwa me bo ntse mo go nna

jaaka lenong le lewebu,

le le dibola?

A dinonyane tsa bonong

di mo loma ka ntlha tsotlhe?

Tsamayang lo ye go phutha

dibatana tsotlhe tsa naga,

di tle go ja.

10Badisa ba le bantsi

ba sentse tshimo ya me ya mafine

ba gatakile setsha sa me,

setsha sa me se sentle

ba se dirile naga e e swafetseng fela.

11Ba se swafaditse;

se a nkhutsafalela, ka se swafetse;

lefatshe lotlhe le swafaditswe,

ka go bo go se na motho ope

yo o go bayang mo pelong.

12Bathopi ba tsile mo dithoteng

tsotlhe tse di loforotlho tsa naga,

gonne tšhaka ya ga Jehofa

e a kometsa;

go tswa bokhutlong bongwe

jwa lefatshe go ya bokhutlong

jo bongwe jwa lefatshe,

ga go na motho ope

yo o nang le kagiso.

13Ba jadile mabele

mme ba robile mitlwa;

ba itlhokofaditse,

mme ga ba bone molemo ope;

mme lo tlaa tlhabisiwa ditlhong

ke dikatelo tsa lona

ka ntlha ya bogale

jo bo fisang jwa ga Jehofa.”

Tsholofetso ya Morena mo bathong ba ba bapileng le Iseraele

14Jehofa o bua jaana ka ga ba ke bapileng nabo botlhe ba ba bosula, ba ba amang boswa jo ke bo ruisitseng tšhaba ya me Baiseraele, a re: “Bonang, ke tlaa ba kumola mo lefatsheng la bone, mme ke tlaa ba kumola ba ntlo ya Juta mo go bone.

15Mme go tlaa dirala go re, e tlaa re ke sena go ba kumola, ke boe, ke ba utlwele botlhoko; ke tlaa ba lere gape, mongwe le mongwe mo bosweng jwa gagwe, le mongwe le mongwe mo lefatsheng la gagwe.

16Mme go tlaa dirala go re, fa ba ithuta ka tlhoafalo mekgwa ya batho ba me, go ikana ka leina la me, go re: ‘Jaaka Jehofa a tshedile;’ fela jaaka ba kile ba ruta batho ba me go ikana ka Baale, foo ba tlaa agelelwa mo gare ga batho ba me.

17Fa ba gana go utlwa, foo ke tlaa kumola morafe oo, ke o kumola ke o senya. Go bua Jehofa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help