PESALEMA 76 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke moatlhodi le mogolodiPesalema ya ga Asafe. Sefela. Ya moopedi yo mogolo; mo diletsong tsa ditlhale.

1Mo Juta Modimo o a itsiwe;

leina la one le legolo mo Iseraele.

2Le gone mo Saleme,

motlaagana wa one o teng,

le boago jwa one bo mo Sione.

3O ne wa robaka metswi ya bora

teng, thebe le tšhaka

le dibetsa tsa ntwa. Sela.

4O kgalalelo le tlotlomalo

bogolo go thopo e e lefika.

5Ba ba pelotona ba gapetswe

ba robetse boroko jwa bone;

mme ga go na bape ba banna ba ba

thata,

ba ba bonyeng diatla tsa bone.

6Ka kgalemo ya gago

Modimo wa ga Jakobe,

kara ya tlhabano e na le pitse

e digetswe boroko jwa kgonogo.

7Wena, e leng wena,

o na le go boifiwa;

mme mang yo o ka emang

mo ponong ya gago

mogang o galefang?

8O ne wa utlwatsa katlholo e e

tlisang tefetso e tswa legodimong

lefatshe la boifa,

la ba la didimala fela,

9ka Modimo o ema go atlhola,

gore o boloke bapelonomi

botlhe ba lefatshe. Sela.

10Ruri bogale jwa motho

bo tlaa go baka;

mme makunantshana a a setseng

a bogale

o tlaa a bofelela mo go wena.

11Lo ikane, lo bo lo lefele Jehofa,

Modimo wa lona;

a botlhe ba ba mo ntlheng tsotlhe

tsa gagwe ba tlisetse ene

yo o tshwanetseng go boifiwa dineo.

12O tlaa kgaola mowa wa dikgosana;

o a boitshega

mo dikgosing tsa lefatshe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help