ISAIA 6 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlhopha Isaia go nna moperofeti

1 E rile ka ngwaga o Usia o suleng ka one, ka bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi, se le kwa godimo, se tsholetsegile, mme meja ya dikobo tsa gagwe ya tlala ka tempele.

2Fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe: mongwe le mongwe a na le diphuka di le thataro; ka di le pedi a ipipa sefatlhogo, ka di le pedi a ipipa dinao, mme di le pedi a fofa ka tsone.

3 Ba goalana ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Jehofa wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”

4 Metheo ya direpudi ya tsikinngwa ke lentswe la yo o goang, mme mosi wa tlala ka ntlo.

5Foo ka bua, ka re: “Ija! Nna wee! Gonne ke latlhegile; ka ke le motho yo ke dipounama di leswe, ke bile ke agile fa gare ga batho ba ba dipounama di leswe; gonne matlho a me a bonye Kgosi, Jehofa wa masomosomo.”

6Foo mongwe wa boserafe a fofela kwa go nna, a tshotse legala le le molelo ka seatla, le o le ogotseng ka lotlawa mo sebesong.

7A ama molomo wa me ka lone, a re: “Bona! Lone le, le amile dipounama tsa gago; boikepo jwa gago bo tlositswe, le boleo jwa gago bo tlhatswitswe.”

8Mme ka utlwa lentswe la Morena, le re: “Ke tlaa roma mang? E mang yo o tlaa re elang?” Foo ga bua nna, ka re: “Ke fano, roma nna.”

9 Ene a re: “Ya o reye tshaba e, o re: ‘Go utlwa lo a utlwa, mme lo bo lo sa tlhaloganye; go bona lo a bona, mme lo bo lo sa lemoge.’

10Nontsha pelo ya batho ba, o bo o ketefatse ditsebe tsa bone, o budulatse le matlho a bone, gore e se re kgotsa ba bona ka matlho a bone, le go utlwa ka ditsebe tsa bone, le go tlhaloganya ka pelo tsa bone, mme ba bowa ba fodisiwa.”

11Foo ka bua, ka re: “Ka lobaka lo lo kaye, Morena?” Mme a fetola, a re: “Ke go tle go tsamaye metse e kgakgabale fela e tlhoke monni, le matlo a tlhoke motho, le lefatshe le gokgolelwe fela,

12le Jehofa a tloseditse batho kwa kgakala, le marope a nne mantsi mo gare ga lefatshe.

13E tlaa re fa go setse kabelo ya lesome mo go lone, le tlaa nna le jewa fela: jaaka moumo, le jaaka mooka, a e a reng le fa a remilwe go bo go sale thito.” Jalo peo e e boitshepo ke thito ya lone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help