GENESISE 35 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o segofatsa Jakobe kwa Bethele

1 Modimo wa raya Jakobe wa re: “Nanoga o tlhatlogele kwa Bethele, o age gone; o dire aletara gone, o se direle Modimo o o kileng wa go iponaletsa gone jale ka o tshaba sefatlhogo sa ga mogoloo Esau.”

2Foo Jakobe a raya ba ntlo ya gagwe le botlhe ba o nang nabo a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo iitshekise, lo apare diaparo di sele.

3A re nanogeng re tlhatlogeleng kwa Bethele; ke tlaa dira aletara gone, ke e direla Modimo o o nkarabileng mo letsatsing la pitlagano ya me, wa ba wa nna le mo tseleng e ke neng ke tsamaya ka yone.”

4Ba neela Jakobe medimo yotlhe e sele e e mo diatleng tsa bone, le manyena a a mo ditsebeng tsa bone; Jakobe a di fitlha ka fa tlase ga setlhare sa mooka se se leng ka fa Shekeme.

5Ba eta; mme ga bo go le therego e kgolo mo metseng e e mo tikologong ya bone, mme ba se ka ba latela bomorwa Jakobe.

6Jalo Jakobe a fitlha kwa Luse o o mo lefatsheng la Kanana, ke go re, Bethele, ene le batho botlhe ba o nang nabo.

7A aga aletara gone, a raya felo foo leina a re, Elebethe-ele; ka gobo Modimo o ne wa mo senogela gone jale ka a tshaba sefatlhogo sa ga mogolowe.

8Mme Debora, mmelegi wa ga Rebeka a swa, a fitlhwa ka fa tlase ga setlhare sa Bethele, fa tlase ga mooka, ke gone leina la one la bidiwa Alonabakutha.

9Modimo wa bonala kwa go Jakobe gape, ka a tswa Patanaarame, wa mo segofatsa.

10 Modimo wa mo raya wa re: “Leina la gago ke Jakobe; leina la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Jakobe, mme leina la gago go tlaa twe, Iseraele:” A mo raya leina a re, Iseraele.

11 Modimo wa mo raya wa re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; ata, o ntsifale. Morafe o tlaa tswa mo go wena le lesomo la merafe, le dikgosi di tlaa tswa mankopeng a gago.

12Lefatshe le ke kileng ka le naya Aberahame le Isake, ke tlaa le go naya; le losika lwa gago sehularong sa gago ke tlaa lo naya lefatshe le.”

13Modimo wa tlhatloga wa tswa fa go ene fa felong fa o buileng nae gone.

14 Jakobe a tlhoma segopotso felong fa o buileng nae gone, e le segopotso sa lentswe, a thela tshupelo e e nowang mo go sone, a ba a thela lookwane mo go sone.

15Jakobe a raya leina la felo fa Modimo o buileng nae gone a re, Bethele.

Loso lwa ga Ragele

16Ba eta ba tswa Bethele; mme ga bo go sa ntse go na le sebaka ba ise ba fitlhe kwa Eferatha, Ragele a simolola go belega a bona pelego e e thata.

17Ga dirala ya re a le mo pelegong e e thata mmelegisi a mo raya a re: “O se ka wa boifa ka jaana o tlaa bona ngwana yo mongwe wa mosimane.”

18Ga dirala ya re mowa wa gagwe o tswa, ka a ne a swa, a raya leina la ngwana a re, Bononi; rraagwe a mmitsa Benjamine.

19Ragele a swa, a fitlhwa mo tseleng e e yang Eferatha, ke one Bethelehema.

20Jakobe a emisa sefikantswe fa godimo ga phupu ya gagwe; ke sone segopotso sa phupu ya ga Ragele le gompieno.

21Iseraele a eta, a tsharolola mogope wa gagwe ka kwa pele ga kago e e godileng ya phemelo ya Etere.

Barwa Jakobe(1 Ditiraf 2:1-2)

22 Ga dirala ya re Iseraele a sa ntse a agile mo lefatsheng leo, Rubene a ya a lala le Bileha mogadingwana wa ga rraagwe; mme Iseraele a utlwa. Jaana bomorwa Jakobe ba bo ba le 12.

23Bomorwa Lea ke ba; Rubene, wa ntlha wa ga Jakobe, Simeone, Lefi, Juta, Isakare le Sebulone.

24Bomorwa Ragele ke ba; Josefe le Benjamine.

25Bomorwa Bileha, lelata la ga Ragele ke ba: Dane le Nafetali.

26Bomorwa Silepa, lelata la ga Lea ke ba: Gate le Ašere. Ba ke bone bomorwa Jakobe ba o ba bonyeng kwa Patanaarame.

Loso lwa ga Isake

27 Jakobe a fitlha kwa go Isake rraagwe, kwa Mamere, kwa motseng wa Kiriathe-areba, o e leng Heberone, kwa Aberahame le Isake ba neng ba jaka gone.

28Malatsi a ga Isake e ne e le dinyaga di le 180.

29Isake a khutla, a swa, a phuthwa a ya kwa bathong ba ga gabo a tsofetse, a tletse malatsi; mme bomorwawe, Esau le Jakobe ba mo fitlha.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help