RUTHE 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ruthe o a tsewa

1Naomi matsalaagwe a mo raya a re: “Morwadiaka, a ga o mme ka go senkela boikhutso, gore go tle go nne molemo mo go wena?

2Jaana a Boase ga se wa losika lwa rona, yo barwetsana ba gagwe o ne wa nna nabo? Bona, o olosa barele bosigong jono mo seboping.

3Ke gone tlhapa, o iphorole, o apare, o ye kwa seboping; mme o se ka wa ikitsise motho ope, go tsamaye a swetse go ja le go nwa.

4Mme, fa a ya go robala, o tlhokomele thata golo fa o robalang gone, mme o tsene, o fenole dinao tsa gagwe, o robale; mme ene o tlaa go bolelela se o tlaa se dirang.”

5A mo raya a re: “Gotlhe mo o go buang, ke tlaa go dira.”

6A ya kwa seboping, a dira jaaka tsotlhe tse matsalaagwe o di mo kaetseng.

7E rile Boase a sena go ja le go nwa, pelo ya gagwe e le mokete, a ya go robala kwa ntlheng ya mokoa wa mabele; Ruthe a tla ka bonya, a fenola dinao tsa gagwe, a robala.

8Ga dirala ya re bosigogare, monna yo a tshoga, a ipitikolola; a fitlhela mosadi mongwe a robetse fa dinaong tsa gagwe.

9A re: “O mang?” A mo fetola a re: “Ke Ruthe lelata la gago; ke gone phuthololela lelata la gago kobo ya gago; gonne o wa losika gaufi le rona ka go tsalwa.”

10A re: “O segofadiwe mo go Jehofa, morwadiaka; o itshupile pelonomi mo bokhutlong bogolo go mo tshimologong, ka o se ka wa latela a e leng makau a a humanegileng kgotsa a a humileng.

11Jaana, morwadiaka, o se ka wa boifa; ke tlaa go direla gotlhe mo o go buang, gonne motse otlhe wa batho ba gaetsho o a itse fa o le mosadi yo o siameng.

12 Ruri ke wa losika lwa gago, gaufi ka go tsalwa, le fa go ntse jalo, go na le monna mongwe wa losika yo o gaufi bogolo go nna.

13Lala bosigo jono; mme go tlaa dirala e tlaa re ka moso, fa a tla go direla tshwanelo ya monna wa losika, go tlaa nna molemo; a a dire tshwanelo ya monna wa losika; e tlaa re fa a gana go go direla tshwanelo ya monna wa losika, foo ke tlaa go direla tshwanelo ya monna wa losika, jaaka Jehofa a tshedile; o robale go ya mosong.”

14Mme a robala fa dinaong tsa gagwe go ya mosong; mme a tsoga bosigo bo ise bo se mo batho ba ka lemoganang gonne Boase o ne a rile: “A go se itsiwe fa mosadi yo a ne a tsile mo seboping.”

15A re: “Lere kobo e e mo go wena o e tshegetse;” mme a e tshegetsa, a ela dielo di le thataro tsa barele, a di baya mo go ene; mme Ruthe a ya motseng.

16E rile Ruthe a fitlha kwa go matsalaagwe, a re: “Go rileng, morwadiaka?” A mmolelela gotlhe mo monna yo o go mo diretseng.

17Mme a re: “A nnaya dielo tse thataro tse, tsa barele; gonne a re: ‘O se ka wa ya go matsalaago o iphotlhere fela.’ ”

18Foo a re: “Dula fela, morwadiaka, go tsamaye o itse ka fa go tlaa nnang ka gone, gonne monna yo ga a ketla a ikhutsisa, a ise a swetse selo se gompieno.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help