SEKARIA 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o solofetsa go rekolola batho ba gagwe

1Lopang Jehofa pula mo motlheng wa pula ya morago; e bong Jehofa yo o dirang dikgadima; mme o tlaa ba nesetsa dipula tsa medupe, a neye mongwe le mongwe bojang mo nageng.

2 Gonne mereo e buile boithamako, le baitseanape ba bonye maaka; ba boletse ditoro tsa tsietso, ba gomotsa ka lefela; ke gone ka moo ba tsayang tsela ya bone jaaka dinku, ba patikegile, ka gobo go se na modisa.

3“Bogale jwa me bo tuketse badisa, mme ke tlaa kgopholola diphoko”; gonne Jehofa wa masomosomo o lekotse letsomane la gagwe la ba ntlo ya Juta, mme o tlaa ba dira jaaka pitse ya gagwe e ntle mo tlhabanong.

4Lentswe la kgokgotsho le tlaa tswa mo go ene, le lomapo mo go ene, le bora jwa tlhabano mo go ene, le molaodi mongwe le mongwe o tlaa tswa mo go ene.

5Ba tlaa nna jaaka diganka, ba gatakela baba ba bone mo seretseng sa mebila mo tlhabanong; ba tlaa tlhabana ka go bo Jehofa a na nabo; bapalami ba dipitse ba tlaa sosobaganngwa.

6“Ke tlaa thatafatsa

ba ntlo ya ga Juta,

ke tlaa boloka ba ntlo ya ga Josefe,

ke tlaa ba lere gape,

gonne ke ba utlwela botlhoko;

mme ba tlaa nna

jaaka e kete ga ke a ba latlha;

gonne ke Jehofa Modimo wa bone,

ke tlaa ba utlwa.

7Le bone ba Eferaime

ba tlaa nna jaaka seganka,

pelo ya bone e tlaa itumela

jaaka e ka bo e le ka bojalwa.

Ee, bana ba bone ba tlaa go bona

ba itumela, pelo ya bone

e tlaa ipela mo go Jehofa.

8Ke tlaa ba bitsa ka kotso,

ke ba phutha;

gonne ke ba rekolotse;

ba tlaa ntsifala

jaaka ba ntse ba ntsifetse.

9Ke tlaa ba jalela kwa ditšhabeng;

mme ba tlaa nkgakologelwa

kwa mafatsheng a a kwa kgakala;

ba tlaa tshela le bana ba bone,

mme ba tlaa boa.

10Ke tlaa ba ke ba busa

le kwa lefatsheng la Egepeto,

ke ba phutha kwa Asiria;

ke tlaa ba lere mo lefatsheng

la Gileate le Lebanone;

mme ga ba ketla ba bonelwa bonno.

11O tlaa ralala lewatle la patikego,

o tlaa itaya makhubu a metsi

mo lewatleng, mme mateng otlhe

a noka ya Nile a tlaa tšha;

le boikgodiso jwa Asiria

bo tlaa kokobediwa,

le thobane ya bogosi ya Egepeto

e tlaa tsamaya.

12Ke tlaa ba thatafatsa

mo go Jehofa;

mme ba tlaa sepelela kwa le kwa

ka leina la gagwe,”

go bua Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help