1Jehofa, ke ikanya mo go wena;
a ke se lesiwe
ka tlhajwa ke ditlhong gope;
o nkgolole
o le mo tshiamong ya gago.
2Ntlhwaela tsebe;
o nkgolole ka bonako;
o nne lefika le le thata mo go nna,
ntlo ya phemelo go mpoloka.
3Gonne wena o lefika la me,
le kago ya me ya phemelo;
ke gone ka ntlha ya leina la gago,
o nkgoge, o bo o ntsamaise.
4Mphamola mo lotloeng
lo ba lo mpeetseng ka bosaitsiweng,
gonne ke wena kago ya me
ya phemelo.
5 Ke tsenya mowa wa me mo seatleng
sa gago;
O nthekoletse, Jehofa,
wena Modimo wa boammaaruri.
6Ke a ba ila
ba ba tlhokomelang maithamako
a maaka;
mme ke ikanya mo go Jehofa.
7Ke tlaa itumela,
ke ipela mo boutlwelongbotlhoko
jwa gago,
gonne o bonye patikego ya me;
o itsile mowa wa me o tshwerwe
ke mathata.
8Ga o a ka wa nkhupareletsa
mo seatleng sa mmaba;
o tlhomile dinao tsa me
fa go atlhameng.
9Nkutlwela botlhoko, Jehofa,
gonne ke mo khutsafalong;
leitlho la me le fediwa ke bohutsana,
ee, mowa wa me le mmele wa me.
10Gonne botshelo jwa me
bo feletse mo khutsafalong,
le dinyaga tsa me
mo go fegelweng;
thata ya me e a fela
ka ntlha ya boikepo jwa me,
marapo a me le one a a nyelela.
11Ke tsile ka nna sekgobo
ka ntlha ya baba botlhe ba me,
ee, mo go bagaetsho ga fetelela,
ke poitshego
mo go ba ke itsanyeng nabo;
ba ba kileng ba mpona fa ntle
ba ne ba ntshaba.
12Ke lebetswe jaaka moswi
yo o sa tlholeng a gopolwa;
ke ntse jaaka nkgwana
e e thubegileng.
13Gonne ke utlwile go gobolola
ga batho ba le bantsi,
go poitsho ka ntlha tsotlhe;
ka ba gakololana mmogo ka ga me,
ba loga maano a go mpolaya.
14Ke ne ka ikanya wena, Jehofa; ka re:
O Modimo wa me.
15Dipaka tsa me
di mo seatleng sa gago;
nkgolola mo seatleng sa baba ba me,
le mo go ba ba mpogisang.
16Phatsimisetsa motlhanka wa gago
sefatlhogo sa gago;
mpoloka mo bopelonoming jwa gago
jwa lorato.
17A ke se tlhajwe ke ditlhong Jehofa;
gonne ke go biditse.
A baikepi ba tlhajwe ke ditlhong,
a ba didimale mo Bobipong.
18A dipounama tse di akang
di nne semumu;
tse di sotlang basiami ka makgakga,
ka boipelafatso le lonyatso.
19Ana molemo wa gago
o mogolo jang,
o o o beetseng ba ba go boifang,
o o o diretseng ba ba ikanyang
mo go wena,
fa pele ga bana ba batho!
20Mo boiphitlhong jwa sebonalo
sa gago o tlaa ba subela
ditogamaano tsa batho;
o tlaa ba dibela mo kgannyeng
ya diteme
ka bosaitsiweng mo mogopeng.
21A go bakwe Jehofa;
gonne o ntshupeditse bopelonomi
jwa gagwe jwa lorato
jo bo gakgamatsang
mo motseng o o thata.
22Ka ga me,
ke rile mo go potlakeng ga me,
ka re:
“Ke kgaotswe, ke tlositswe
fa pele ga matlho a gago.”
Le fa go ntse jalo e rile ke go kua,
wa utlwa lentswe
la mekokotlelo ya me.
23A ko lo rateng Jehofa,
lona lotlhe baitshepi ba gagwe:
Jehofa o boloka ba ba ikanyegang,
mme o duela ka botlalo yo o dirang
ka bopelonomi.
24Nnang thata,
mme dipelo tsa lona di natlafale,
lona lotlhe ba lo solofelang
mo go Jehofa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.