PESALEMA 22 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Selelo sa tlalelo le sefela sa kgalaletsoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Ayeletha haša-šahara.

1 Modimo wa me,

Modimo wa me,

o ntatlhetseng?

Ke ka ntlha yang o le kgakala

le go nthusa, o bile o kgakala

le mantswe a go bokolela ga me?

2Modimo wa me wee,

ke bitsa motshegare,

mme ga o nkarabe;

le mo lobakeng lwa bosigo

ga ke didimale.

3Mme wena o boitshepo;

wena yo o ntseng

mo dipakong tsa Iseraele.

4Borraetsho ba ne ba go ikanya;

ba ikanya,

mme wa nna wa ba golola.

5Ba go kuela, mme ba gololwa;

ba ikanya mo go wena,

mme ba se ka ba tlhajwa ke ditlhong.

6Nna ke seboko fela,

ga ke motho wa sepe;

ke sekgobo sa batho,

ke sotlwa ke batho.

7 Botlhe ba ba mponang

ba ntshega ka go ntshotla;

ba petla molomo,

ba thukutha tlhogo, ba re:

8 “Ineele mo go Jehofa;

a ene a mo golole;

a a mo golole ka e le fa

a itumela thata mo go ene.”

9Mme wena, o ene yo o nntshitseng

mo sebopelong;

wa ntira gore ke ikanye jale

ka ke le mo mabeleng a ga mme.

10Ke sa le ke latlhelwa mo go wena

ke tswa mo sebopelong;

ke sa le ke tswa mo mpeng ya ga

mme o ntse o le Modimo wa me.

11Se nne kgakala le nna;

gonne khuduego e gaufi;

ka gobo go se na ope yo o thusang.

12Dipoo di le dintsi di mpharafere;

dipoo tse di thata tsa Bašana

di ntikile.

13Di Nkatlhamiseditse magano a

tsone, jaaka tau e e šakgetseng,

e e pepedumang.

14Ke tshologile jaaka metsi,

marapo a me a lokologile otlhe;

pelo ya me e ntse jaaka makgaga;

e tlhapologile fa gare ga mala a me.

15Thata ya me

e omeletse jaaka lophego;

loleme lwa me le lone

lo mamaretse magalapa a me;

mme o nterile mo loroleng lwa loso.

16Gonne dintša di mpharafere;

phuthego ya badiri ba bosula

e ntiteetse mo teng;

ba tlhabile diatla tsa me,

le dinao tsa me.

17Nka bala marapo a me otlhe fela;

ba lebile ba nkaletse matlho.

18 Ba kgaogana diaparo tsa me,

mme kobo ya me ba e laola ka bola.

19O se ka wa nna kgakala, Jehofa;

wena Moelamedi wa me,

o intlhaganelele go nthusa.

20Golola mowa wa me mo tšhakeng;

moratwanyana wa me

mo thateng ya ntša.

21Nkgolola mo leganong la tau;

ee, o nkarabile

le ke le mo dinakeng tsa dinare.

22 Ke tlaa kakanyetsa bana ba ga rre

leina la gago;

mo gare ga phuthego

ke tlaa go baka.

23Lona ba lo boifang Jehofa,

mmakeng;

lona lotlhe losika lwa ga Jakobe,

mo galaletseng;

lona lotlhe losika lwa Iseraele,

lo eme ka go mmoifa.

24Gonne ga a a nyatsa, le fa e le go

feretlhwa ke patikego ya mopatikwi;

le gone ga a a mo subela sefatlhogo

sa gagwe;

mme o rile a mo ikuela, a utlwa.

25Ke ka ga gago fa pako ya me e tswa

mo phuthegong e kgolo;

ke tlaa lefela maikano a me

fa pele ga bone ba ba mmoifang.

26Ba ba pelonolo ba tlaa ja ba kgora;

bone ba ba senkang Jehofa,

ba tlaa mmaka;

a pelo tsa lona di tshele

ka bosakhutleng.

27Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe

di tlaa gakologelwa,

di boela mo go Jehofa;

le ditshika tsotlhe tsa merafe

di tlaa obama fa pele ga gago.

28Gonne bogosi ke jwa ga Jehofa;

ke ene mmusi wa merafe.

29Botlhe ba ba nonneng ba lefatshe

ba tlaa ja, ba obama;

botlhe ba ba fologelang mo loroleng

ba tlaa khubama fa pele ga gagwe,

le e leng ene yo o se nang thata

ya go itshedisa mowa.

30Losika longwe lo tlaa mo direla;

go tlaa bolelelwa losika lo lo tlang

ka ga Jehofa.

31Ba tlaa tla,

ba tlaa kakanya tshiamo ya gagwe

mo bathong ba ba tlogang ba tsalwa,

fa ene a go dirile.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help