ISAIA 54 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lorato lo lo sa feleng lwa ga Jehofa mo go Iseraele

1 “Opela wena moopa, wena

yo o iseng o bone ngwana;

ponyega ka sefela, o goe thata,

wena yo o iseng o nne mo pelegong;

gonne go bantsi bana ba yo o lore,

go feta ba mosadi yo o nyetsweng;”

go bua Jehofa.

2“Katolosa bonno jwa mogope

wa gago; a ba ngamole

meraro ya manno a gago;

se rekegele; lelefatsa megala ya gago,

o thatafatse dimapo tsa gago.

3Gonne o tlaa anamelela

ka fa ntlheng ya letsogo le legolo,

le ka fa go la molema;

mme losika lwa gago

lo tlaa rua merafe;

lo tlaa agisa batho mo metseng

e e ropafetseng.

4O se ka wa boifa; gonne

ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong;

le gone o se ka wa sosobagana,

gonne ga o ketla o tlhabisiwa

ditlhong;

gonne o tlaa lebala

ditlhong tsa borweetsana jwa gago,

le go kgojwa ga botlholagadi

jwa gago ga o ketla

o tlhola o go gakologelwa gope.

5Gonne Modiri wa gago

ke ene monna wa gago;

Jehofa wa masomosomo

ke leina la gagwe;

le Moitshepi wa Iseraele

ke ene Morekolodi wa gago;

o tlaa bidiwa Modimo

wa lefatshe lotlhe.

6Gonne Jehofa o go biditse

jaaka mosadi yo o tlhadilweng

a tlhokofetse mo moweng,

e bong mosadi wa moroba

fa a latlhilwe,”

go bua Modimo wa gago.

7“Ke go tlhadile ka lobakanyana fela;

mme ke tlaa go phutha

ka mautlwelobotlhoko a magolo.

8Ka go subela sefatlhogo sa me

ka lobakanyana fela,

ka kgalefo e e belologang;

mme ke tlaa go utlwela botlhoko

ka pelonomi e e sa khutleng,”

go bua Jehofa Morekolodi wa gago.

9 “Gonne selo se,

se ntse jaaka metsi a ga Noa mo go

nna;

gonne jaaka ke ikanne

fa metsi a ga Noa a se ketla a tlhola

a hupetsa lefatshe,

ke ikanne jalo fa ke se ketla

ke go galefela

le fa e le go go kgalemela.

10Gonne dithaba di ka tloga

le makhubu a katosiwa;

mme pelonomi ya me ga e ketla

e tloga mo go wena,

le fa e le kgolagano ya me ya kagiso

go katoga mo go wena,”

go bua Jehofa

yo o go utlwelang botlhoko.

Jerusalema yo moša

11 “Ao! Wena mmogisiwa

yo o petupetugisiwang

ke matsubutsubu a phefo,

mme o sa gomodiwe;

bona ke tlaa rulaganya maje a gago

ka mebala e mentle,

ke tlaa thaya metheo ya gago

ka maje a sedumedi, (safire.)

12Ke tlaa dira mejakwana ya diiponi

ka majana a mahibitswana, (rube,)

le mejako ya gago ya majana a

mahibidu, (karebunekele,)

le molelwane otlhe wa gago ka maje

a mantle.

13 Bana ba gago botlhe

ba tlaa rutwa ke Jehofa;

kagiso ya bana ba gago

e tlaa nna kgolo.

14O tlaa tlhomamisiwa mo tshiamong;

o tlaa nna kgakala le patiko,

gonne ga o ketla o boifa;

o tlaa nna kgakala le therego,

gonne ga e ketla e go atamela.

15Bona, ba ka phuthega,

mme e seng ka nna;

le fa e le bomang

ba ba tlaa go phuthegelang

ba tlaa wa ka ntlha ya gago.

16Bona, ke nna ke tlhodileng mothudi,

yo o ubelang molelo wa magala,

a ntshe sebolao ka fa tirong ya sone;

ke bile ke tlhodile mokgakgabatsi

go tla a senya.

17Ga go na sebolao sepe

se se thudilweng ka ga gago

se se tlaa segofalang;

le loleme longwe le longwe

lo lo tlaa go tsogelang mo tshekong,

o tlaa lo sekisa.

Selo se, ke boswa jwa batlhanka

ba Jehofa, le tshiamo ya bone

e e tswang mo go nna.”

Go bua Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help