1Hirame kgosi ya Ture a roma batho kwa go Dafite ba na le ditlhare tsa masetara le baagi le babetli ba dikgong, ba tla go mo agela ntlo.
2Dafite a lemoga fa Jehofa a mo tlhomamisitse kgosi ya Iseraele, gonne bogosi jwa gagwe bo no bo goleditswe godimo, ka ntlha ya batho ba gagwe Baiseraele.
3Dafite a fela a tsaya basadi ba bangwe mo Jerusalema, Dafite a fela a tshola bana ba basimane le ba basetsana.
4A ke maina a bana ba o ba bonyeng mo Jerusaleme: Shamue, Shobabe, Nathane le Solomone;
5le Ibehare le Elišua le Elepelete;
6le Noga le Nefege le Jafie,
7le Elišame le Beeliate le Elifelete.
Dafita o fenya Bafilisitia(2 Sam 5:17-25)8E rile Bafilisitia ba utlwa fa Dafite a tloditswe, gore a nne kgosi ya Baiseraele botlhe fela, Bafilisitia botlhe ba ya go senka Dafite; mme Dafite a go utlwela, mme a ba bololela.
9Jaana Bafilisitia ba ne ba tsile bonokwane mo molapong wa Refaime.
10Dafite a botsa mo Modimong, a re: “A ke ke bololele Bafilisitia? Mme a o tlaa ba ntsenya mo seatleng?” Jehofa a mo raya a re: “Bolola; gonne ke tlaa ba go tsenya mo seatleng.”
11Jalo ba tlhatlogela kwa Baale-perasime, Dafite a ba kgemetha gone; mme Dafite a re: “Modimo o thubakile baba ba me ka letsogo la me, jaaka go thobega ga metsi.” Ke gone ka moo ba reileng felo foo leina ba re, Baale-perasime.
12Mme ba tlogela medimo ya bone gone, mme Dafite a laola gore e fisiwe ka molelo.
13Bafilisitia ba tla ka bonokwane gape mo molapong.
14Dafite a botsa mo Modimong gape; mme Modimo wa mo raya wa re: “O se ka wa ba sala morago; ba fapoge, o itse go ba wela bolebagana le ditlhare tsa malubere.
15Go tlaa dirala go re fa o utlwa ekete modumo wa ba ba tsamaelang gongwe mo dikaleng tsa ditlhare tsa malubere, foo o tswele go tlhabana; gonne Modimo o ile kwa pele ga gago go ya go kgemetha ntwa ya Bafilisitia.”
16Mme Dafite a dira jaaka Modimo o mo laotse, mme ba kgemetha ntwa ya Bafilisitia go tswa Gibeone go ya fela kwa Gesere.
17Tumedi ya ga Dafite ya tswela kwa mafatsheng otlhe; mme Jehofa a tsenya poifo ya gagwe mo merafeng yotlhe fela.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.