DUTERONOME 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Melao ya Modimo e e kwadilweng mo matlapeng

1Moše le bagolwane ba Iseraele ba laola batho, ba re: “Tshegetsang taolo yotlhe e ke e lo laolelang gompieno.

2 E tlaa re ka letsatsi le lo tshelang Joretane ka lone lo ya mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, o ikemisetse maje a magolo o a batege ka sebatego.

3O re o sena go kgabaganya, o kwale mo go one mafoko otlhe a molao o, gore o tle o tsene mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang, lefatshe le le elang maši le dinotshe, jaaka Jehofa Modimo wa borraeno a go solofeditse pele.

4Fa lo sena go kgabaganya Joretane lo emise maje ao a ke a lo laolelang gompieno, mo thabeng ya Ebale, o a batege ka sebatego.

5 O agele Jehofa Modimo wa gago sebeso gone, sebeso sa maje: o se ka wa a ekela sedira sepe sa tshipi.

6O agele Jehofa Modimo wa gago sebeso ka maje a a sa betlwang; o isetse Jehofa Modimo wa gago ditshupelo tse di fisiwang mo go sone:

7O tlhabe ditshupelo tsa kagiso, o bo o jele gone; mme o itumele fa pele ga Jehofa Modimo wa gago.

8Mo majeng ao o kwale mafoko otlhe a molao o, go bonale sentlentle.”

9Mme Moše le baperesiti Balefi, ba bua le Baiseraele botlhe, ba re: “Didimala, Iseraele, o reetse; gompieno o dule sešaba sa ga Jehofa Modimo wa gago.

10Ke gone o utlwe lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, o dire ditaolo tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno.”

Go hutsiwa ga ba ba tlolang ditaelo

11Moše a laya batho ka tsatsi leo, a re:

12 “E re lo sena go kgabaganya Joretane, ba, a ba eme mo thabeng ya Gerisime, go segofatsa batho; e bong Simeone, Lefi, Juta, Isakare, Josefe le Benjamine.

13Bale, a ba eme mo thabeng ya Ebale go hutsa; e bong Rubene, Gate, Ašere, Sebulone, Dane le Nafetali.

14Balefi ba tlaa bolela ba raya banna botlhe ba Iseraele ka lentswe le legolo, ba re:

15 “ ‘Go hutsege monna yo o dirang setshwantsho se se setilweng, le fa e le se se thetsweng, se e leng makgapha mo go Jehofa, tiro ya diatla tsa modiri, a se emisa mo sephiring.’ Mme a batho botlhe ba fetole, ba re:

“ ‘A go nne jalo.’

16 ‘Go hutsege yo o nyatsang rraagwe kgotsa mmaagwe.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

17 ‘Go hutsege yo o sutisang molelwane wa ga gabo.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

18 ‘Go hutsege yo o timetsang sefofu mo tseleng.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

19 ‘Go hutsege yo o sokang katlholo ya moeng, le ya lesiela, le ya mosadi wa motlholagadi.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

20 ‘Go hutsege yo o lalang le mogatsa rraagwe; gonne o bipolotse khiba ya ga rraagwe.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

21 ‘Go hutsege yo o lalang le setshedi sengwe.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

22 ‘Go hutsege yo o lalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe, kgotsa morwadia mmaagwe.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

23 ‘Go hutsege yo o lalang le mogwagadie.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

24‘Go hutsege yo o bolayang wa ga gabo mo sephiring.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

25‘Go hutsege yo o amogelang tuelo go tla a bolaya motho yo o se nang molato.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’

26 ‘Go hutsege yo o sa tlhomamiseng mafoko a molao go a dira.’

Batho botlhe ba re: ‘A go nne jalo.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help