DIKHUTSAFALO 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Morena o otlhaya Jerusalema

1Ana Morena o khurumeditse jang

morwadia Sione ka leru mo bogaleng jwa gagwe!

O ntshitse bontle jwa Iseraele

mo legodimong

a bo latlhela fa fatshe,

ga a a gakologelwa

sebeo sa gagwe sa dinao

mo letsatsing la bogale jwa gagwe.

2Morena o komeditse manno otlhe

a ga Jakobe,

a se ka a tlhomoga pelo;

o digile dikago tse di thata tsa

phemelo tsa morwadia Juta

mo bogaleng jwa gagwe;

o di foloseditse fela fa fatshe,

o tlhapaditse bogosi

le dikgosana tsa jone.

3O kgaotse dinaka tsotlhe tsa Iseraele

mo bogaleng jo bo tukang;

o gonne letsogo la gagwe le legolo

fa pele ga mmaba;

mme o laitse Jakobe

jaaka molelo o o tutumang,

o o lailang ntlheng tsotlhe.

4O laetse bora jwa gagwe

jaaka mmaba, o eme,

letsogo la gagwe le legolo

le ntse jaaka moganetsi,

o bile o bolaile gotlhe mo go neng

go eletsega mo matlhong;

o goromeditse tšararego ya gagwe

jaaka molelo

mo mogopeng wa morwadia Sione.

5Morena o fetogile

o ntse jaaka mmaba,

o komeditse Iseraele;

o komeditse matlo otlhe a gagwe

a dikgosi,

o sentse dikago tsa gagwe

tse di thata tsa phemelo,

mo go morwadia Juta

o ntsifaditse selelo le khutsafalo.

6O tlositse loobo lwa gagwe ka thata,

jaaka e ka bo e le lwa tshimo;

o sentse felo ga gagwe

ga bophuthegelo;

Jehofa o dirile gore phuthego

e e masisi

le sabata di lebalwe mo Sione,

mo kgakalong ya bogale jwa gagwe

o nyaditse kgosi le moperesiti.

7Morena o itatotse sebeso sa gagwe,

o tlhoile felo ga gagwe ga boitshepo,

dithako tsa matlo a gagwe a dikgosi

o di tsentse mo seatleng sa mmaba;

ba tsositse modumo mo ntlong

ya ga Jehofa jaaka mo tsatsing

la phuthego e e masisi.

8Jehofa o ikaeletse go senya

lorako lwa morwadia Sione;

o namaladitse thapo,

ga a ise a gone seatla sa gagwe

mo go senyeng;

o dirile gore kago ya phemelo

le lorako di hutsafale;

di topetege mmogo.

9Ditswalo tsa gagwe

di rorometse mo mmung;

o sentse o robakile mephakalego

ya gagwe.

Kgosi ya gagwe le dikgosana

tsa gagwe di mo merafeng

kwa molao o seyong gone

ee, baperofeti ba gagwe

ga ba bone ponatshegelo epe

e e tswang kwa go Jehofa.

10Bagolwane ba morwadia Sione

ba dutse fa fatshe ba didimetse;

ba kubuetsa lorole

mo tlhogong tsa bone;

ba ikokwaetse ka letsela la kgetse.

Makgarebane a Jerusalema

a ikobela ditlhogo fa fatshe.

11Matlho a me a kalega ka dikeledi,

boteng jwa me bo fuduegile,

sebete sa me se gorometsegetse

fa fatshe,

ka ntlha ya tshenyego

ya morwadia batho ba me;

gonne banyana le ba ba anyang

ba ngategela mo mebileng ya motse.

12Ba raya bommaabo, ba re:

“Mabele a kae le bojalwa jwa

mofine?”

Mogang ba ngategang

jaaka ba ba tlhabilweng

mo mebileng ya motse,

mogang mowa wa bone

o goromelediwang mo sefubeng

sa bommaabo.

13Ke tlaa go supetsa eng?

Ke tlaa go tshwantsha le eng,

wena morwadia Jerusalema?

Ke tlaa go lekanya le eng

gore ke tle ke go gomotse,

wena morwadia Sione

wa kgarebana?

Gonne thubego ya gago e kgolo

jaaka lewatle;

e mang yo o ka go fodisang?

14Baperofeti ba gago

ba go bonetse diponatshegelo tsa

boithamako le bonyana;

mme ga ba ise ba lemoge boikepo

jwa gago gore ba tle ba buse

botshwaro jwa gago.

Ba go bonetse ditao tsa boithamako,

le dilo tse di tlaa go lelekang

mo lefatsheng.

15Botlhe ba ba fetang ka tsela

ba go opanyetsa diatla;

ba a otsa, ba thukhuthela morwadia

Jerusalema tlhogo ba re:

“A ke one motse o batho

ba ne ba o bitsa ba re:

‘Bontle jo bo tletseng,’ ba re:

‘Boitumelo jwa lefatshe lotlhe’ ”

16Baba botlhe ba gago

ba go atlhamoloseditse molomo;

ba a otsa, ba huranya meno ba re:

“Re mo komeditse;

ruri ke one motlha

o re ntseng re o lebeletse;

re o fitlhetse, re o bonye.”

17Jehofa o dirile se o se ikaeletseng;

o dirafaditse lefoko la gagwe

le o le laotseng

mo metlheng ya bogologolo;

o digile, a sa tlhomoge pelo.

O dirile gore mmaba a go jele koma,

o goleditse lonaka

lwa baba ba gago.

18Pelo ya bone ya goela

kwa go Morena;

wena lorako lwa morwadia Sione,

a dikeledi di elele jaaka noka

motshegare le bosigo;

o se ka wa inaya lobaka;

a nyetse ya leitlho la gago

e se khutle.

19Nanoga, o kue mo bosigong,

mo tshimologong ya ditebelo;

thela pelo ya gago jaaka metsi

fa pele ga sefatlhogo sa Morena;

mo tsholeletse diatla tsa gago

ka ga botshelo

jwa banyana ba gago ba bannye,

ba ba idibalang ka tlala

fa dibaeng tsa mebila yotlhe fela.

20Leba Jehofa,

o bone ba o ba diretseng jaana!

A basadi ba tlaa ja loumo lwa bone,

e bong banyana ba ba akgolwang ka

mabogo?

A moperesiti le moperofeti

ba tlaa bolaelwa

mo felong ga boitshepo ga Morena?

21Tshimane le nnakgolo

di namaletse fa fatshe mo mebileng;

makgarebane a me le makau a me

a ole ka tšhaka;

o a bolaile

mo motlheng wa bogale jwa gago;

o bolaile o sa tlhomoge pelo.

22O biditse ditheregiso tsa me

mo ntlheng tsotlhe

jaaka mo tsatsing la phuthego

e e masisi,

mme go ne go sa falola

le fa e le go sala ope mo motlheng

wa bogale jwa ga Jehofa.

Ba ke ba akgotseng ka ba otla,

mmaba wa me o ba jele o ba

supuditse.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help