1Lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jona lwa bobedi, la re:
2“Nanoga, o ye kwa Ninefe motse oo o mogolo, mme o o rerele thero e ke tlaa e go laolelang.”
3Jalo Jona a nanoga, a ya kwa Ninefe, ka fa lefokong la ga Jehofa. Ninefe ya bo e le motse o mogolo thata, o o ka ralalwang ka loeto lwa malatsi a le mararo.
4 Mme Jona a simolola go tsena motse loeto lwa letsatsi le le lengwe fela, mme a kua, a re: “Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.”
5Mme batho ba Ninefe ba dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse go simolola ka yo mogolo mo go bone, go ya fela kwa go yo mmotlana mo go bone.
6Mafoko ao a ya a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, mme ya nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola kobo ya yone e tona, ya apara letsela la kgetse, ya dula mo moloreng.
7Ya opa mokgosi, ya kua mo motseng otlhe wa Ninefe ka taolo ya kgosi le ya bagolwane ba yone, go twe: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, le fa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi.
8A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone.
9E mang yo o itseng gore, a Modimo ga o ketla o sokologa o ikwatlhaya, o boa mo bogaleng jwa one jo bo gaketseng, gore re se ka ra swa?”
10Mme Modimo wa bona ditiro tsa bone, gore ba sokologile mo tseleng ya bone e e bosula; mme Modimo wa ikwatlhaela bosula jo o rileng o tlaa bo ba direla; wa se ka wa bo dira.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
