1Jehofa a bua le Moše a re:
2“Bua le bana ba Iseraele o re: Fa mosadi a nna moimana, mme a bona ngwana wa mosimane, foo a a itshekologe ka malatsi a supa, jaaka mo malatsing a medibela a gagwe, a a itshekologe.
3 A e re ka letsatsi la bo 8 mosimane a rupisiwe.
4Ene mosadi a a nne mo mading a bontlafatso jwa gagwe malatsi a le 33; a a se ame sepe se se itshepileng, le fa e le go tla mo felong ga boitshepo, go tsamaya malatsi a bontlafatso jwa gagwe a diragala.
5“Fa a bona ngwana wa mosetsana, foo a a itshekologe ka dibeke di le pedi, jaaka mo medibeleng ya gagwe; a nne mo mading a bontlafatso jwa gagwe malatsi a le 66.
6“E tlaa re malatsi a bontlafatso jwa gagwe a dirafetse, a mosimane, le fa e le a mosetsana, a a tseye kwanyana ya ngwaga wa ntlha ya tshupelo e e fisiwang, le leebana kgotsa lephoi la tshupelelo ya boleo, a di ise kwa mojakong wa mogope wa bophuthegelo kwa moperesiting.
7Ene o tlaa e isa fa pele ga Jehofa, a direla mosadi tetlanyo, o tlaa itshekisiwa mo motsweding wa madi a gagwe. O ke one molao wa mosadi yo o botsetse jwa mosimane le fa e le jwa mosetsana.
8 “Fa a sa nonofa go ntsha kwanyana, foo a a tseye maphoi a le mabedi, le fa e le maebana a le mabedi, lengwe la tshupelo e e fisiwang, le lengwe la tshupelelo ya boleo; moperesiti o tlaa mo direla tetlanyo, mme o tlaa itsheka.”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
