PESALEMA 105 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dikgakgamatso tsa Modimo ka ga Iseraele

1A ko lo ntshetseng Jehofa

malebogo,

bitsang leina la gagwe;

madiro a gagwe

lo a itsefatse mo ditšhabeng.

2Mo opeleleng,

mo opeleleng dipako;

buang ka ga ditiro tsa gagwe tsotlhe

tse di gakgamatsang.

3Kgantshang ka leina la gagwe

le le boitshepo;

a dipelo tsa ba ba batlang Jehofa

di itumele.

4Batlang Jehofa le thata ya gagwe;

batlang sefatlhogo sa gagwe

ka bosakhutleng.

5Gakologelwang ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang

tse o di dirileng;

dikgakgamatso tsa gagwe,

le dikatlholo tsa molomo wa gagwe;

6lona losika lwa ga Aberahame,

motlhanka wa gagwe;

lona bana ba ga Jakobe,

baitshenkedwi ba gagwe.

7Ke ene Jehofa Modimo wa rona;

dikatlholo tsa gagwe

di mo lefatsheng lotlhe fela.

8O ntse a gakologetswe

kgolagano ya gagwe

ka bosakhutleng,

e bong lefoko le o le laoletseng

dikokomana di le makgolo a some;

9 e bong kgolagano

e o neng a e dira le Aberahame,

le ikano ya gagwe le Isake;

10 mme ikano e,

a e tlhomamisetsa Jakobe

gore e nne molao o o emeng,

le mo go Iseraele

gore e nne kgolagano

e e sa khutleng.

11Ka a re:

“Ke tlaa go naya lefatshe la Kanana,

go nna kabelo ya boswa jwa lona.”

12E le jale

ba sa ntse ba se kaye mo palong;

ee, ba se kayenyana, ba bile

ba le bajaki fela mo go lone;

13ba kgarakgatshega ka go nna

ba tlhomaganya merafe fela,

ba tswe mo bogosing bongwe

ba ye mo tšhabeng e nngwe.

14 Ga a ka a leseletsa motho ope

go ba direla tshiamololo;

ee, o ne a kgalemela dikgosi

ka ntlha ya bone;

15a re:

“Se ameng batlodiwa ba me,

lo se ka lwa utlwisa

baperofeti ba me botlhoko bope.”

16 A biletsa leuba mo lefatsheng;

a roba seikokotlelo sotlhe

sa senkgwe.

17 A roma monna

yo o neng a ba etelela pele;

Josefe a rekisiwa, a nna motlhanka;

18 dinao tsa gagwe

ba di utlwisa botlhoko

ka tse di golegang; a tsenngwa

mo diketaneng tsa tshipi;

19ga ba ga tla ga fitlha motlha

wa go dirafala ga lefoko la gagwe;

lefoko la ga Jehofa la mo leka.

20 Kgosi ya roma,

ya mo hunolola dikgole;

e bong molaodi wa ditšhaba,

mme a mo lesa a tswa fela.

21 A mo dira morena wa ntlo ya gagwe,

le molaodi wa dithoto tsotlhe

tsa gagwe;

22gore a golege dikgosana tsa gagwe

ka fa o ratang ka gone,

le gore a rute bagolwane

ba gagwe botlhale.

23 Iseraele le ene a tla mo Egepeto;

Jakobe a jaka mo lefatsheng

la ga Hame.

24 Mme Jehofa a atisa ba gagwe thata,

a ba baya go nna thata bogolo

go feta baganetsi ba bone.

25A sokolola pelo ya bone

gore ba ile batho ba gagwe,

go direla batlhanka ba gagwe

ka boferefere.

26 A roma Moše, motlhanka wa gagwe,

le ene Arone

yo o mo itshenketseng.

27Ba tlhoma ditshupo tsa gagwe

fa gare ga bone,

le dikgakgamatso tsa gagwe

mo lefatsheng la ga Hame.

28 A tlhoma lefifi, mme a le fifatsa;

mme ga ba a ka ba tsuololela

mafoko a gagwe.

29 A fetola metsi a bone a nna madi,

a bolaya ditlhapi tsa bone.

30 Lefatshe la bone

la nna le lesaisai la digwagwa,

le mo matlwaneng a dikgosi.

31 A bua, mme ga tla metshitshi ya

dintshi le dinta mo melelwaneng

yotlhe ya bone.

32 A ba naya sefako

mo boemong jwa pula,

le molelo o o tutumang

mo lefatsheng la bone.

33A kgemetha mafine a bone le one,

le ditlhare tsa mafeige tsa bone;

a robakanya ditlhare tsa melelwane

ya bone.

34 A bua, mme tsie ya tla le seboko,

mme ya bo e le mo go se nang palo,

35mme tsa ja tsa swetsa merogo yotlhe

mo lefatsheng la bone,

tsa ba tsa ja tsa bilatsa

loungo lwa mmu wa bone.

36 Le gone a gaila batsalwapele botlhe

mo lefatsheng la bone,

tshimologo ya thata yotlhe

ya bone.

37 Mme a ba ntsha

ba tswa ba na le selefera le gouta;

mme go ne go se na motho ope

yo o sekoa mo ditšhabeng tsa gagwe.

38E rile ba bothologa,

Egepeto a itumela;

gonne poifo ya bone

e ne e ba wetse.

39 A tsharolola leru go nna sesiro;

le molelo go sedifatsa bosigo.

40 Ba lopa,

mme a lere makwetekwio,

a ba kgorisa ka senkgwe

sa legodimo.

41 A arola lefika,

metsi a tšhabanyetsega;

a elela mo mafelong a a lokgere

jaaka noka.

42Gonne a gakologelwa lefoko

la gagwe le le boitshepo

le ene Aberahame

motlhanka wa gagwe.

43A ntsha batho ba gagwe,

ba tswa ka boitumelo,

le baitshenkedwi ba gagwe

ka go opela;

44 a ba naya mafatshe a merafe;

ba tsaya mohuhutso wa ditšhaba;

ba o rua;

45gore ba tle ba boloke

ditao tsa gagwe,

ba tlhokomele melao ya gagwe.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help