PESALEMA 68 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa Iseraele sa phenyoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1A Modimo o nanoge;

a baba ba one ba faladiwe;

le ba ba o ilang

ba tshabe fa pele ga one.

2Jaaka mosi o tle o figitlhediwe,

ba figitlhetse jalo;

jaaka makgaga a tle a tlhapologe

fa pele ga molelo,

a baikepi ba nyelele jalo

ka sebonalo sa Modimo.

3Mme a basiami ba itumele;

ba kgane ka boitumelo

fa pele ga Modimo;

ee, a ba itumele ka boipelo.

4Opelelang Modimo,

opelelang leina la one dipako;

o o ralalang dipoa tsa naga

o pagame,

lo o direle tsela ya mheru;

leina la one ke JAH;

lo bo lo kgane ka boitumelo

fa pele ga one.

5Modimo ke rramasiela,

le moatlholedi wa basadi ba

batlholagadi mo boagong jwa one

jo bo boitshepo.

6Ba ba lore,

Modimo o tle o ba dire motse;

bagolegwi o ba ntshetse go

kokotlegela; mme batsuolodi bone,

ba agile mo lefatsheng la lokgere.

7Modimo, e rile o bolola

fa pele ga batho ba gago,

e rile o ralala naga ka kgagamalo,

Sela;

8 lefatshe la roroma,

magodimo le one a rotha

ka sebonalo sa Modimo;

le e leng Sinai yole, a roroma

ka sebonalo sa Modimo,

Modimo wa Iseraele.

9Wena, Modimo,

wa nesa pula e kgolo,

wa rakalatsa ba boswa jwa gago

jale ka ba ne ba ngodiegile.

10Phuthego ya gago ya aga gone;

wena Modimo, wa etleeletsa

bahumanegi ka se se tswang

mo molemong wa gago.

11“Jehofa o tle a ntshe lefoko,

basadi ba ba itsiseng batho mafoko

ba nne bontsi jo bogolo.

12Dikgosi tsa dintwa di tshabe;

di tshabe, mme mosadi yo o salang

mo gae a abe thopo.

13Le fa lo lala mo marakaneng

a dinku, go bo go ntse

jaaka diphuka tsa lephoi

tse di apesitsweng selefera,

le dintlha tsa tsone ka gouta

e tshetlha.

14E rile Mothatayotlhe a gasanya

dikgosi gone,

ga nna jaaka fa kapoko e na

mo Salemone.

15A thaba ya Modimo,

thaba ya Bašane!

A thaba e e godileng

thaba ya Bašane!

16Lona dithaba tse di godileng,

lo dilolelang thaba e Modimo

o e eleditseng

gore e nne boago jwa one?

Ee, Jehofa o tlaa aga mo go yone

ka bosakhutleng.

17Dikara tsa Modimo

di le dikete di le masome mabedi,

e bong dikete

tse di tlhatlaganyeng le dikete;

Morena o mo go tsone, jaaka

mo Sinai, mo felong ga boitshepo.

18 O tlhatlogetse kwa godimo,

o gogile botshwaro jwa gago

bo tshwerwe;

o amogetse dineo mo bathong,

ee, le mo go bone ba e leng

batsuolodi, gore Jehofa Modimo

a tle a age nabo.

19A go bakwe Morena

yo o rwalang merwalo ya rona

ka malatsi, e bong Modimo

o e leng poloka ya rona. Sela.

20Mo go rona

Modimo ke Modimo wa dikgololo;

mme diphalodiso mo losong

ke tse e leng tsa Morena,

Modimo wa rona.

21Modimo o tlaa arola

tlhogo ya baba ba one,

e bong segata se se moriri

sa yo o sa ntseng a tswelela

mo melatong ya gagwe.

22Morena o rile;

Ke tlaa ba ke ba tlisa gape

go tswa kwa Bašane,

ke tlaa ba tlisa gape

go tswa matenyeng a lewatle;

23gore o tle o ine lonao lwa gago

mo mading,

gore diteme tsa dintšha tsa gago

di bone seabe sa tsone

se se tswang babeng ba gago.”

24Ba bonye ditsamao tsa gago

Modimo, e bong ditsamao

tsa Modimo wa me,

Kgosi ya me,

di tsena mo felong ga boitshepo.

25Baopedi ba ne ba etelela pele,

ba ba letsang diletso

ba ba sala morago,

ba tsentswe gare ke barweetsana

ba ba letsang meropana.

26Bakang Modimo mo diphuthegong,

e bong Morena, lona ba lo leng

ba motswedi wa Iseraele.

27Yole ke Benjamine yo mmotlana,

mmusi wa bone,

dikgosana tsa Juta

di na le lekoko la tsone,

dikgosana tsa Sebulune,

dikgosana tsa Nafetali.

28Modimo wa gago

o laotse thata ya gago;

Modimo, a ko o thatafatse sone

se o se re diretseng.

29Ka ntlha ya tempele ya gago

e e kwa Jerusalema, dikgosi di tlaa

tlisa dineo kwa go wena.

30Kgalemela sebatana sa lotlhaka,

bontsi jwa dipoo,

di na le dinamane tsa ditšhaba;

ba ne ba tle ba ineele

ka dipapetlana tsa diselefera;

o faladitse ditšhaba

tse di natefelwang ke ntwa.

31Dikgosana di tlaa tswa kwa Egepeto;

lefatshe la Ethopia le tlaa akofa

le otlololela Modimo mabogo a lone.

32Opelelang Modimo,

lona magosi a lefatshe;

a ko lo opeleleng Morena dipako,

Sela;

33e bong ene yo o pagameng

magodimo a magodimo,

a a sa leng a leo bogologolo;

utlwang, o ntsha lentswe la one,

mme e be e le lentswe

le le thata thata.

34A lo ko lo re:

Thata ke ya Modimo;

tlotlomalo ya one e okame Iseraele,

thata ya one e kwa magodimong.

35Modimo o a boitshega o le mo

mafelong a gago a a boitshepo;

Modimo wa Iseraele one, o naya

batho ba one thata le nonofo.

A go bakwe Modimo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help