TSHENOLO 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sekano sa bosupa le lobeana lwa gouta

1E rile a kanolola sekano sa bosupa, ga tloga ga nna tuulalo mo legodimong, e ka ne e le ka bontlhanngwe jwa nako.

2Ka bona baengele ba supa, ba ba tleng ba eme fa pele ga Modimo; mme ba newa dinaka di supa.

3 Moengele mongwe a tla a ema fa sebesong, a tshotse leiswana la gouta; mme a neelwa maswalo a le magolo, gore a a tlhakanye le merapelo ya baitshepi botlhe fa sebesong sa gouta, se se fa pele ga setulo sa bogosi.

4Mme mosi wa maswalo o na le merapelo ya baitshepi, wa tlhatlogela fa pele ga Modimo o tswa mo seatleng sa moengele.

5 Moengele a tsaya leiswana; a le tsenya molelo wa sebeso, la tlala, mme a le latlhela mo lefatsheng; mme ga tloga ga nna ditumo tsa maru, le dikodu le dikgadima, le thoromo ya lefatshe.

Dinakana

6Baengele ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa, ba ipaakanyetsa go di letsa.

7 Wa ntlha a letsa, mme ga tloga ga nna sefako le molelo, go tlhakanye le madi, mme ga latlhelwa mo lefatsheng; mme ntlha ya seraro ya lefatshe ya lailwa ke molelo, le ntlha ya seraro ya ditlhare ya lailwa ke molelo, le bojang jo botala jotlhe jwa lailwa ke molelo.

8Moengele wa bobedi a letsa, mme ya ne e kete thaba e kgolo e e tukang molelo ya thabuediwa mo lewatleng; mme ntlha ya seraro ya lewatle ya fetoga madi.

9Ntlha ya seraro ya ditshedi tse di mo lewatleng, e bong tsone tse di tshedileng, ya swa; le ntlha ya seraro ya dikepe ya senngwa.

10 Moengele wa boraro a letsa, mme ga tloga ga wa naledi e kgolo mo legodimong, e tuka jaaka serumola, mme ya wela ntlha ya seraro ya dinoka, le ya metswedi ya metsi;

11 leina la naledi eo ga twe, Longana; ntlha ya seraro ya metsi ya nna longana; mme batho ba le bantsi ba swa ka metsi, ka a fetotswa botlhoko.

12 Moengele wa bone a letsa, mme ntlha ya seraro ya letsatsi ya itega, le ntlha ya seraro ya kgwedi, le ntlha ya seraro ya dinaledi; gore ntlha ya seraro ya tsone e fifale, le ntlha ya seraro ya motshegare e tlhoke lesedi, le bosigo jalo.

13Mme ka leba, mme ka utlwa ntswi yo motona mongwe a fofa mo gare ga legodimo, a goa ka lentswe le legolo, a re: “Ija! Ija! Ija wee! Ka ntlha ya ba ba agileng mo lefatsheng, ka ntlha ya dikodu tse dingwe tsa dinaka tsa baengele ba bararo ba ba sa ntseng ba na le go di letsa.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help