EKESODO 17 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Metsi a a tswang mo lefikeng(Dipalo 20:1-13)

1Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya tloga ya tswa mo nageng ya Sine, ka go tshetsa, ka fa taolong ya ga Jehofa, ba thibelela mo Refidime; mme ga bo go se na metsi a batho ba ka a nwang.

2Batho ba ganela le Moše ka ntlha ya gone moo, ba re: “Re neye metsi gore re nwe.” Moše a ba raya a re: “Lo ganelelang le nna? Lo leka Jehofa ka ntlha yang?”

3Batho ba nyorelwa metsi go nwa; batho ba ngongoregela Moše ba re: “O ne o re ntshetsang kwa Egepeto o tla go re bolaya le bana ba rona, le dikgomo tsa rona, ka lenyora?”

4Moše a tlhaeletsa kwa go Jehofa, a re: “Batho ba ke tlaa ba dirang? Ekete ba iketleeditse go nkgobotletsa ka maje.”

5Jehofa a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga batho, o itseele bagolwane bangwe ba Iseraele; o bo o tseye le thobane ya gago, e o ne wa itaya noka ka yone, o e tshole ka seatla, o tsamaye.

6Ke tlaa ema fa pele ga gago gone mo lefikeng mo Horebe; o tlaa itaya lefika mme metsi a tlaa tswa mo go lone gore batho ba nwe.” Moše a dira jalo mo ponong ya bagolwane ba Iseraele.

7Golo foo a go raya leina a re: Masa le Meriba, ka ntlha ya kganelo ya bana ba Iseraele, le ka gonne ba ne ba leka Jehofa ba re: “A Jehofa o mo gare ga rona kgotsa nnyaa?”

Ntwa le ba Amaleke

8Foo ga tla Amaleke, a tlhabana le Iseraele mo Refidime.

9Moše a raya Jošua a re: “Re tlhaolele banna, o bolole o ye go tlhabana le Amaleke; ka moso ke tlaa tsoga ke ema kwa tlhoreng ya thaba ke tshotse thobane ya Modimo mo seatleng sa me.”

10Jalo Jošua a dira jaaka Moše a mo reile, a tlhabana le Amaleke. Moše, le Arone, le Hure, ba tlhatlogela kwa tlhoreng ya thaba.

11Ga diragala, e ne e re fa Moše a tsholeditse letsogo, Iseraele a ba thatafalele; e re fa a digile letsogo, Amaleke a ba thatafalele.

12Mabogo a ga Moše a bo a le bokete; mme ba tsaya lentswe, ba le baya tlase ga gagwe, a dula mo go lone. Arone le Hure ba tshegetsa mabogo a gagwe, mongwe a le ka fa ntlheng nngwe, yo mongwe a le ka fa ntlheng e nngwe; mme mabogo a gagwe a sisibala ga tsamaya letsatsi la phirima.

13Mme Jošua a koafatsa Amaleke le batho ba gagwe ka bogale jwa tšhaka.

14 Jehofa a raya Moše a re: “Kwala se mo lokwalong gore e nne segopodiso, o se tsenye Jošua ka ditsebe o re: Ke tlaa phimolela ruri kgakologelo ya ga Amaleke, e tloga fa tlase ga legodimo.”

15Moše a aga sebeso, a se raya leina a re, Jehofa-nisi;

16a re: “Jehofa o ikanne; Jehofa o tlaa nna ntwa le Amaleke go tswa mo losikeng longwe go ya mo losikeng lo longwe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help