ISAIA 51 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Mafoko a a nametsang Jerusalema

1“Ntheetsang,

lona ba lo latelang tshiamo,

ba lo batlang Jehofa;

lebang lefika le lo tswang

go dibololwa mo go lone,

le kunyane ya kgatampi e lo tswang

go gabodukwa mo go yone.

2Lebang kwa go Aberahame rraeno,

le kwa go Sara yo o lo belegeng;

gonne o rile a sa ntse

a le mongwe fela, ka mmitsa,

mme ka mo segofatsa,

ka mo dira ba le bantsi.

3Gonne Jehofa o gomoditse Sione;

o gomoditse mafelo a gagwe otlhe

a a kgakgabetseng,

o dirile naga ya gagwe go nna jaaka

Etene, le sekaka sa gagwe

jaaka tshimo ya ga Jehofa;

boipelo bo tlaa bonwa gone

le boitumelo,

tebogo le lentswe la kotiketso.

4Ntlhokomelang, lona batho ba me;

lo ntshekegele tsebe,

lona morafe wa me;

gonne molao o tlaa tswa mo go nna,

ke tlaa dira katlholo ya me

go nna semela,

gore e nne lesedi la ditšhaba.

5Tshiamo ya me e gaufi,

poloka ya me e tswetse kwa ntle,

le mabogo a me

a tlaa atlhola mo ditšhabeng;

ditlhake di tlaa ntebelela,

di tlaa ikanya letsogo la me.

6Tsholeletsang matlho a lona

kwa magodimong,

lo bo lo lebe lefatshe kwa tlase;

gonne magodimo a tlaa kaologa

jaaka mosi,

lefatshe le lone le tlaa onala

jaaka seaparo,

le ba ba agileng mo go lone

ba tlaa swa fela jalo:

mme poloka ya me

e tlaa nna ka bosakhutleng,

le tshiamo ya me

ga e ketla e khutlisiwa.

7“Ntheetsang lona

ba lo itseng tshiamo,

lona batho ba molao wa me

o leng mo pelong tsa lona;

lo se ka lwa boifa kgobo ya batho,

le gone lo se ka lwa tsielwa

ka dikgobololo tsa bone.

8Gonne motoutwana o tlaa ba ja

jaaka seaparo,

le tshwele e tlaa ba ja

jaaka bobowa jwa nku;

mme tshiamo ya me e tlaa nna

ka bosakhutleng,

le poloka ya me mo tshikatshikeng.”

9Kubuga, kubuga, o apare nonofo,

wena letsogo la ga Jehofa;

kubuga jaaka mo metlheng

ya bogologolo, jaaka

mo ditshikeng tsa bogologolo tala.

A ga se wena yo o kileng

wa remaganya Rahabe,

wa tlhaba kgogela?

10A ga se wena yo o kileng

wa kgadisa lewatle,

metsi a bodiba jo bo boteng

jo bogolo;

wa dira mateng a lewatle

go nna tsela e barekolodwi

ba kgabaganyang ka yone?

11Barekolodwi ba ga Jehofa

ba tlaa bowa,

ba tlaa tla mo Sione ka kopelo;

mme go ipela mo go sa khutleng

go tlaa nna mo ditlhogong tsa bone;

ba tlaa ja boitumelo le boipelo,

mme bohutsana le phegelo

di tlaa tshabela koo.

12“Ke Nna, e leng Nna,

yo ke go gomotsang;

wena o mang fa e bo ne ne jaana

o boifa motho yo o tlaa swang,

le morwa motho

yo o tlaa ediwang bojang?

13Mme o lebetse Jehofa

Modiri wa gago,

yo o phutholotseng magodimo,

a thaya metheo ya lefatshe;

mme o tlhola letsatsi lotlhe

o tshaba tšarologo ya mopatiki,

mogang o ipaakanyetsang go senya?

Tšarologo ya mopatiki

ya bo e le kae?

14Mofaladi yo o tshwerweng

o tlaa akofa a gololwa;

ga a ketla a a swa a fologela

mo moleteng,

le gone dijo tsa gagwe

ga di ketla di tlhaela.

15Gonne nna, ke Jehofa,

Modimo wa gago,

yo ke fuduang lewatle,

makhubu a lone a ba a tle a sume;

Jehofa wa masomosomo

ke leina la gagwe.

16Ke tsentse mafoko a me

mo molomong wa gago,

ke go bipile mo moriting

wa seatla sa me,

gore ke tle ke tlhome magodimo,

ke theye metheo ya lefatshe,

ke be ke itse go raya Sione, ke re:

‘O batho ba me.’ ”

Jerusalema o tswa mo dipogisegong

17 Kubuga, kubuga, o eme ka dinao,

wena Jerusalema, yo o noleng

mo seatleng sa ga Jehofa,

phafana ya tšarologo ya gagwe.

O nole mogotšana wa senwelo

sa kgokgweetsego,

wa o minolosa.

18Mo baneng ba gagwe ba basimane

botlhe, ba o ba tsetseng,

ga go na ope yo o ka mo gogang;

le gone ga go na ope

yo o mo tshwarang ka seatla

mo baneng ba basimane botlhe

ba o ba otlileng.

19Dilo tse pedi di go wetse;

ana o tlaa hutsafalelwa emang?

e bong tshwafalo le tshenyego

le leuba le tšhaka;

ana ke tlaa go gomotsa jang?

20Bomorwao ba idibetse;

ba rapame kwa dipaeng

tsa mebila yotlhe

jaaka phologolo mo lotloeng;

ba kgotshe tšarologo ya ga Jehofa,

kgalemo ya Modimo wa gago.

21Ke gone, utlwa se jaana

wena mmogisiwa, motagwa,

mme e seng ka bojalwa jwa mofine.

22Go bua jaana Morena wa gago,

Jehofa Modimo wa gago

yo o emelang kgang

ya batho ba gagwe, a re:

“Bona, phafana ya kgokgweetsego

ke e tlositse mo seatleng sa gago,

e bong mogotšana wa senwelo

sa tsarologo ya me;

ga o ketla o tlhola o ba o o nwa.

23Ke tlaa o tsenya mo seatleng

sa ba ba go patikang;

ba ba reileng mowa wa gago ba re:

‘Inama gore re go sobotle!’

Mme o beile mokotla wa gago

jaaka fa go le fa fatshe,

le jaaka mmila wa beela

ba ba go sobotlang.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help