JEREMIA 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Katlholo e e bogale mo bathong ba Juta

1 Foo Jehofa a nthaya, a re: “Le fa bo Moše le Samuele ba ka bo ba eme fa pele ga me, le fa go ntse jalo pelo ya me e ne e sa kake ya nna le batho ba; ba ole mo ponong ya me, ba tswe ba ye koo.

2 Go tlaa dirala go re, e tlaa re ba go raya ba re: ‘Re tlaa tswela kae?’ Foo o ba bolelele, o re: Go bua jaana Jehofa, a re:

“ ‘Ba ba laoletsweng loso, ba ye losong;

ba ba laoletsweng tšhaka,

ba ye tšhakeng;

le ba ba laoletsweng moswele

ba ye mosweleng;

le ba ba laoletsweng botshwaro

ba ye botshwarong.’

3“Ke tlaa ba laolela dilo tse di mehuta mene,” go bua Jehofa; “tšhaka go bolaya, dintša go gagola, dinonyane tsa legodimo, le dibatana tsa lefatshe, go suputsa le go senya.

4 Ke tlaa ba akgaakgela mo magosing otlhe a lefatshe, ka ntlha ya ga Manase morwa Hesekia kgosi ya Juta, ka ntlha ya se o se dirileng mo Jerusalema.

5“Gonne e mang yo o tlaa go

tlhomogelang pelo,

wena Jerusalema? Kgotsa e mang

yo o tlaa go tukuthelang tlhogo?

Kgotsa e mang yo o tlaa fapogang

a ya go botsa ka fa o ntseng ka teng?

6O nkganne, go bua Jehofa,

o boetse kwa morago,

ke gone ka moo ke go otlololetseng

seatla sa me, mme ka go senya;

mme ke lapile

ka go nna ke ikwatlhaya.

7Ke ba olositse ka seoloso

mo dikgorong tsa lefatshe;

ke ba thukhuthile bana,

ke sentse batho ba me;

ga ba a boa mo

ditseleng tsa bone.

8Basadi ba bone ba batlholagadi

ba intsifaletse

go feta mošawa wa mawatle;

ke lerile mo go bone mothopi

go le motshegare

go tla a bolaya mma makau:

ke digetse tlalelo e e mahehe

le ditheregiso mo go ene

ka tshoganetso.

9Yo o tsetseng bana basupa

o a tapetega, o dule mowa;

letsatsi la gagwe le kotlometse

go sa ntse go le motshegare;

o ntse a tlhajwa

ke ditlhong a sosobagana;

masalela a bone ke tlaa a neela

tšhaka fa pele ga baba ba bone,”

go bua Jehofa.

Jeremia o isa dingongorego tsa gagwe mo Moreneng

10Ija! Mma we! Ka e le fa o ntsetse ke le motho wa komang le kgang le lefatshe lotlhe! Ga ke a adima ope ka go lopa koketso, le nna batho ga ba a nkadima ka go ntopa koketso; le fa go ntse jalo mongwe le mongwe wa bone o a mphutsa.

11Jehofa a re: “Ruri ke tlaa go thatafatsa gore o bone molemo; ruri ke tlaa dira gore mmaba a go rapele ka thata mo motlheng wa bosula, le mo motlheng wa patikego.”

12A mongwe o ka roba tshipi, e bong tshipi e e tswang ntlheng ya botsheka, le kgotlho?

13“Thoto ya gago le dikhumo tsa gago ke tlaa di ntsha thopo fela di sa rekwe, mme e be e le ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa gago, e bong mo melelwaneng yotlhe ya gago.

14Ke tlaa di fetisa le baba ba gago di ya kwa lefatsheng le o sa le itseng; gonne go gotsitswe molelo mo bogaleng jwa me, o o tlaa fisang mo go lona.”

15Jehofa, o a itse;

o nkgopole, o ntekole,

mme o ntefetse

mo babogising ba me;

o se ka wa ntlosa

ka bopelotelele jwa gago;

o itse fa ke bonye go kgojwa

ka leina la gago.

16Mafoko a gago a ne a bonwa,

mme ka a ja;

mafoko a gago a ne a le boitumelo

mo go nna,

le boipelo jwa pelo ya me;

gonne ke bidiwa ka leina la gago,

Jehofa Modimo wa masomosomo.

17Ga ke a ka ka dula mo phuthegong

ya bone ba ba dirang mokete,

ga ke a ka ka duduetsa;

ka dula ke le nosi

ka ntlha ya seatla sa gago;

gonne o ntladitse ka tšhakgalo.

18Ana go ntse jang botlhoko jwa me

bo nnetse ruri,

le ntho ya me e le e e sa foleng,

e e ganang go fodisiwa?

A ruri o tlaa nna mo go nna

jaaka nokana e e tsietsang,

jaaka metsi a a sa tlhomamang?

19Ke gone Jehofa o bua jaana, a re:

“Fa o boa,

foo ke tlaa ba ke go tlisa gape,

gore o tle o eme fa pele ga me;

fa o lomolola se se tlhokegang

mo go se se bosula,

o tlaa nna jaaka molomo wa me;

ba tlaa boela mo go wena,

mme wena ga o ketla o boela

kwa go bone.

20Ke tlaa go dira go nna lorako

lwa kgotlho lo lo thekeleditsweng

kemalanong le batho ba;

ba tlaa tlhabana nao,

mme ga ba ketla ba go fenya;

gonne ke na nao

go go boloka le go go golola,”

go bua Jehofa.

21“Ke tlaa go golola mo seatleng sa

baikepi, ke ba ke go rekolola mo

seatleng sa ba ba boitshegang.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help