ESEKIELE 19 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go hutsafalela dikgosana tsa Iseraele

1Gape, o tlhabeleletse dikgosana tsa Iseraele khutsafalo.

2O re:

Abo mmaeno e ne e le tau

e namagadi;

o ne a namalala mo gare ga ditau,

a godisa ditawana tsa gagwe

mo gare ga madumedi.

3A godisa tawana nngwe ya gagwe;

ya tswa ledumedi:

la ithuta go bolaya diphologolo,

la ja batho.

4Merafe le yone ya le utlwela;

la tshwarwa mo lemeneng la yone,

mme ba le isa lefatsheng

la Egepeto ka megolasetso.

5Jaana e rile mmaeno a bona

fa a sa bolo go le leta,

mme tsholofelo ya gagwe e fedile,

foo a tsaya tawana e nngwe

ya gagwe,

a e godisa ya nna ledumedi.

6La tsamayatsamaya mo ditaung,

la tswa ledumedi;

la ya go bolaya diphologolo,

la ja batho.

7Mme la bo le itse mantlo a bone

a dikgosi,

mme la kgakgabatsa metse ya bone;

lefatshe la swafala,

le botlalo jwa lone ka ntlha

ya loratla lwa go duma ga lone.

8Foo merafe ya le losa

mo ntlheng tsotlhe,

e tswa dikgaolong tsa lefatshe;

ya le tsharololela lotloa lwa yone;

la tshwarwa mo lemeneng la yone.

9Ba le tlhatlhela mo serobing

ka megolasetso

ba le isa kwa kgosing ya Babilone;

ba le isa mo dikagong tsa phemelo,

gore kodu ya lone e se tlhole e

utlwala mo dithabeng tsa Iseraele.

10Mo mading a gago,

mmaeno o ne a ntse jaaka mofine

o o tlhomilweng fa metsing:

o ne o itse go ungwa, o tletse

dikala ka ntlha ya metsi a matona.

11O ne a na le matlhogela a a thata

a go nna dithobane tsa bogosi

tsa ba ba busang;

go gola ga one go ne go fetile

ga dikala tse dikima, mme

a bonwa ka bogodimo jwa one

mo gare ga bontsi

jwa dikala tsa one.

12Wa khumolwa ka tšararego,

wa digelwa fa fatshe,

mme phefo ya botlhabatsatsi

ya omeletsa loungo lwa one;

matlhogela a one a a thata

a rojwa a swaba;

molelo wa a nyeletsa.

13Gompieno o tlhomilwe mo nageng,

mo lefatsheng le le omeletseng

le le lenyora.

14Molelo o dule mo matlhogeleng

a dikala tsa one

o nyeleditse loungo lwa one,

mme ga go tlhole

go le mo go one letlhogela

le le thata la go nna thobane

ya bogosi ya go busa.

Se ke khutsafalo,

mme se tlaa fela

e ntse e le khutsafalo fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help