TSHENOLO 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puso ya legodimo

1E rile morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, ga bo go bulega mojako mo legodimong, mme lentswe la ntlha le ke le utlwileng, lentswe la mongwe, e kete la lonaka, a mpuisa; mme mongwe a bua a re: “Tlhatlogela kwano, ke tlaa go supetsa dilo tse di tlaa namang di dirafela.”

2 Ka bonako ka tloga ka tsenwa ke Mowa; mme bonang, ga bo go beilwe setulo sa bogosi mo legodimong, mongwe a bo a dutse mo go sone setulo.

3Yo o dutseng ya re a bonwa, a fitlhelwa a tshwana le lentswe la jasepere le la saredio; mme ga bo go le motshe wa godimo mo tikologong ya setulo sa bogosi, o o reng o bonwa o bo o fitlhelwa o tshwana le lentswe la emerelete.

4Mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditulo tsa bogosi di le 24; mme mo ditulong tse, ka bona go dutse bagolwane ba le 24, ba apere diaparo tse ditshweu; ba rwele dirwalo tsa gouta mo ditlhogong.

5 Mo setulong sa bogosi ga bo go tswa dikgadima le mantswe, le ditumo tsa maru. Mme ga bo go le dilampa tsa molelo di supa, di tuka fa pele ga setulo sa bogosi, tse e leng Mewa e supa ya Modimo;

6 mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago.

7Setshedi sa ntlha sa bo se tshwana le tau, setshedi sa bobedi se ne se tshwana le namane, mme setshedi sa boraro sa bo se na le sefatlhogo e kete sa motho, setshedi sa bone sa bo se tshwana le ntswi yo motona yo o fofang.

8 Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re:

“O boitshepo, o boitshepo,

o boitshepo,

Morena Modimo, Mothatayotlhe,

yo o ne a ntse a le yo,

le yo o le yong, le yo o tlang.”

9Mme e ne e tle e re ditshedi di isa kgalalelo le tlotlo, le malebogo mo go ene yo o dutseng mo setulong sa bogosi, yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae,

10bagolwane ba ba 24 ba wele fa pele ga yo o dutseng mo setulong sa bogosi, ba obamele ene yo o tshelang ka bosakhutleng le ka bosaengkae, mme ba latlhele dirwalo tsa bone fa pele ga setulo sa bogosi, ba re:

11“Go go tshwanetse

Morena wa rona,

le Modimo wa rona,

o a bo o bona kgalalelo,

le tlotlo, le thata;

gonne o tlhodile dilo tsotlhe,

di ne di le yo,

tsa bopiwa ka ntlha ya go rata

ga gago.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help