1 Lo, ke lone lokwalo lwa ditshika tsa ga Atame. Tsatsing le Modimo o tlhodileng motho ka lone, wa mo dira mo setshwanong sa one Modimo.
2 Wa tlhola nona le tshadi, wa ba segofatsa, wa ba raya leina wa re “Batho” ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone.
3Ya re Atame a sena go tshela dinyaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane yo o tshwanang nae, a ntse jaaka setshwano sa gagwe, a mo raya leina a re Sethe.
4Atame a re a sena go tshola Sethe, malatsi a gagwe a nna dinyaga di le 800, a tshola tshimane le tshetsana.
5Malatsi otlhe a Atame o tshedileng ka one e ne e le dinyaga di le 930, mme a swa.
6Sethe a tshela dinyaga di le 105, a tshola Enoše.
7Sethe a re a sena go tshola Enoše, a tshela dinyaga di le 807, a tshola tshimane le tshetsana.
8Malatsi otlhe a ga Sethe e ne e le dinyaga di le 912, mme a swa.
9Ya re Enoše a sena go tshela dinyaga di le 90, a tshola Kenane.
10Enoše a re a sena go tshola Kenane a tshela dinyaga di le 815, a tshola tshimane le tshetsana.
11Malatsi otlhe a ga Enoše e ne e le dinyaga di le 905, mme a swa.
12Ya re Kenane a sena go tshela dinyaga di le 70, atshola Mahalalele.
13Kenane a re a sena go tshola Mahalalele, a tshela dinyaga di le 840, a tshola tshimane la tshetsana.
14Malatsi otlhe a ga Kenane e ne e le dinyaga di le 910, mme a swa.
15Mahalalele a tshela dinyaga di le 65, a tshola Jarete.
16Mahalalele a re a sena go tshola Jarete, a tshela dinyaga di le 830, a ba a tshola tshimane le tshetsana:
17Malatsi otlhe a ga Mahalalele a ne e le dinyaga di le 895, mme a swa.
18Jarete a tshela dinyaga di le 162, mme a tshola Enoke.
19Jarete a re a sena go tshola Enoke, a tshela dinyaga di le 800, ke fa a tshola tshimane le tshetsana.
20Malatsi otlhe a ga Jarete e ne e le dinyaga di le 962, mme a swa.
21Enoke a tshela dinyaga di le 65, mme a tshola Methusela.
22Enoke a re a sena go tshola Methusela, a sepela le Modimo dinyaga di le 300, a tshola tshimane le tshetsana.
23Malatsi otlhe a ga Enoke e ne e le dinyaga di le 365.
24 Enoke a sepela le Modimo; mme a tlhokafala, gonne Modimo o ne o mo tshotse.
25Methusela a tshela dinyaga di le 187, mme a tshola Lameke.
26Methusela a re a sena go tshola Lameke, a tshela dinyaga di le 782, a tshola tshimane le tshetsana.
27Malatsi otlhe a ga Methusela e ne le dinyaga di le 969, mme a swa.
28Lameke a tshela dinyaga di le 182, mme a tshola ngwana wa mosimane.
29A mo raya leina a re: Noa; a re: “Yo, o tlaa re gomotsa ka ga tiro ya rona, le ka ga letsapa la diatla tsa rona, ka ntlha ya mmu o Jehofa o o hutsitseng.”
30Lameke a re a sena go tshola Noa, a tshela dinyaga di le 595, a tshola tshimane le tshetsana.
31Malatsi otlhe a ga Lameke e ne e le dinyaga di le 777, jalo a swa.
32E rile Noa a le dinyaga di le 500, a tshola Sheme, le Hame le Jafethe.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.