2 DIKGOSI 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puso ya ga kgosi Joaše wa Juta(2 Ditiraf 24:1-16)

1Joaše a simolola go busa ka ngwaga wa bosupa wa ga Jehu; a busa ka dinyaga di le 40 mo Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Sibia wa Beerešeba.

2Joaše a dira se se molemo mo matlhong a ga Jehofa ka metlha yotlhe ya gagwe e Joiata o ne a ntse a mo ruta ka yone.

3Le fa go ntse jalo mafelo a a tlotlometseng ga a ka a tlosiwa; batho ba ne ba sa ntse ba isa tlhabelo ba fisa maswalo mo mafelong a tlotlometseng.

4 Joaše a raya baperesiti a re: “Madi otlhe a theko ya dilo tse di itshepileng a a isiwang mo ntlong ya ga Jehofa, e le madi a go dumalanyweng ka one, madi a batho ba mongwe le mongwe wa bone o fetelang mo palong, gongwe o sekaseketsweng tlhwatlhwa, le madi otlhe a pelo ya motho mongwe e ratang go isa mo ntlong ya ga Jehofa,

5a baperesiti ba a tseye, motho mongwe le mongwe mo go ba o itsanyeng nabo; mme ba tla mamatlelela dithubego tsa ntlo gongwe le gongwe kwa thubego e tlaa fitlhelwang gone.”

6Ga dirala e rile ka ngwaga wa 23 wa kgosi Joaše baperesiti ba bo ba ise ba mamatlelele dithubego tsa ntlo.

7Foo kgosi Joaše a bitsa Joiata moperesiti le baperesiti ba bangwe a ba raya a re: “Ga lo siamisetseng dithubego tsa ntlo? Jaana lo se ka lwa tlhola lo tsaya madi mo go ba lo itsanyeng nabo lo a ntshetse dithubego tsa ntlo.”

8Baperesiti ba dumalana fa ba se ketla ba tlhola ba tsaya madi mo bathong le fa e le go mamatlelela dithubego tsa ntlo.

9Joiata moperesiti a tsaya letlole a phunya letshoba mo sekhurumelong sa lone, a le baya fa sebesong ka fa ntlheng ya letsogo le legolo fa motho a tsena mo ntlong ya ga Jehofa; baperesiti ba ba lebelang kgoro ba tsenya mo go lone madi otlhe a a isiwang mo ntlong ya ga Jehofa.

10Mme go dirale, fa ba bona go na le madi a le mantsi mo letloleng, mokwaledi wa kgosi le moperesiti yo mogolo ba tle, ba a tsenye mo dikgetsing, ba bale madi a ba a fitlhelang mo ntlong ya ga Jehofa.

11Madi a a lekantsweng bokete, ba a tsenye mo diatleng tsa ba ba dirang tiro, ba ba lebelang ntlo ya ga Jehofa; bone ba a neye babetli le baagi ba ba dirang mo ntlong ya ga Jehofa,

12le baagi ba dimota, le babetli ba maje, le go reka dikgong le maje a a betlilweng a go mamatlelela dithubego tsa ntlo ya ga Jehofa, le tsotlhe tse di ntshediwang ntlo go e mamatlelela.

13Mme go se ka ga direlwa ntlo ya ga Jehofa dinwelo tsa selefera, dipoma, le megotšana le dinaka, le fa e le dilwana tsa gouta, le fa e le dilwana tsa selefera, ka madi a a isiwang mo ntlong ya ga Jehofa;

14gonne ao ba ne ba a naya ba ba dirang tiro, ba mamatlelela ka one ntlo ya ga Jehofa.

15Gape ba ne ba sa bale le banna ba madi a ba a tsenyang mo diatleng tsa bone, go tla ba a naya ba ba dirang tiro; gonne ba dira ka boikanngo.

16 Madi a ditshupelelo tsa molato, le madi a ditshupelelo tsa boleo, a ne a sa isiwe mo ntlong ya ga Jehofa; e ne e le a baperesiti.

17Foo Hasaele kgosi ya Siria a ya a tlhasela kwa Gathe, mme a o gapa: Hasaele a leba kwa Jerusalema.

18Joaše kgosi ya Juta a tsaya dilo tse di itshepileng tsotlhe tse Jehošafate le Jehorame le Ahasia, borraagwe, dikgosi tsa Juta, ba na ba di tshwaetse Modimo, le dilo tse di itshepileng tse e leng tsa gagwe le gouta yotlhe e e fitlhelwang mo dikhumong tsa ntlo ya ga Jehofa, le tsa ntlo ya kgosi a di isa kwa kgosing ya Siria; ya itse go fularela Jerusalema.

19Ditiro tse dingwe tsa ga Joaše, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditiralelo tsa dikgosi tsa Juta?

20Batlhanka ba gagwe ba tloga ba mo rera, mme ba bolaya Joaše a le mo ntlong ya Milo, mo tseleng e e yang kwa Sila.

21Gonne Josakare, morwa Shemeathe, le Josabate morwa Shomere, batlhanka ba gagwe, ba mo itaya, mme a swa. Ba mo fitlha le borraagwe mo motseng wa ga Dafite; mme Amasia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help