PESALEMA 35 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go namolwa mo babengPesalema ya ga Dafite.

1Jehofa, ganela le ba ba ganelang

le nna; o tlhabane

le ba ba tlhabanang le nna.

2Tsaya thebe le thejane,

mme o nkemele go nthusa.

3Lerumo le lone o le somole,

mme ba ba nkhukhelang

o ba thibele tsela;

o reye mowa wa me, o re:

“Ke nna poloka ya gago.”

4Ba ba tsomang mowa wa me

a ba tlhajwe ke ditlhong

ba tlotlololwe;

ba ba logang maano

a go nkutlwisa botlhoko,

a ba busediwe kwa morago,

ba sosobaganngwe.

5A ba nne jaaka mmoko mo phefong,

e be e nne moengele wa ga Jehofa

yo o ba kgopholang.

6A tsela ya bone e nne lefifi

le borethe,

e le moengele wa ga Jehofa

yo o ba khukhelang.

7Gonne ba ntshubetse lotloa lwa

bone mo lehuting ka bomo;

ba epetse mowa wa me lemena

ka bomo.

8A tshenyego e mo wele a itebetse;

a lotloa lwa gagwe lo o lo fitlhileng

lo tshware ene ka esi;

a a wele mo tshenyegong eo ka yosi.

9Mowa wa me o tlaa nna ka

boitumelo mo go Jehofa;

o tlaa itumela mo polokeng

ya gagwe.

10Marapo a me otlhe a tlaa re:

“Jehofa, mang yo o tshwanang nao?

Yo o gololang mohumanegi

mo go yo o thata bogolo go ene,

ee, mohumanegi le motlhoki

mo go ene yo o mo thukhuthang?”

11Basupi ba ba sa siamang ba tle ba

eme, ba mpotse

ka ga dilo tse ke sa di itseng.

12Ba ntefela molemo ka bosula,

ba thukhutha mowa wa me.

13Mme ka ga me,

e rile ba le botlhoko,

go apara ga me

ya bo e le matsela a kgetse;

ka patika mowa wa me

ka go ikitsa go ja;

morapelo wa me

wa ba wa boela mo sehubeng sa me.

14Ka etsa jaaka ekete ke direla tsala

ya me kgotsa ngwana wa ga rre;

ka obega ka khutsafalo jaaka

mongwe yo o lelelang mmaagwe.

15Nna e rile ke tlhotsa,

bone ba itumela,

ba ba ba phuthega mmogo;

ba babenyana ba mphuthegela

mmogo,

mme ka bo ke sa itse;

ba nkgagola ba se ka ba khutla,

16jaaka basotli ba ba matlhapa mo

medirong, ba ntšhenetse meno.

17Jehofa o tlaa leba fela

goleele go le kaye?

Falodisa mowa wa me

mo ditshenyong tsa bone;

moratwanyana wa me mo ditaung.

18Ke tlaa go ntshetsa malebogo

mo phuthegong e kgolo;

ke tlaa go baka

mo bontsing jo bogolo jwa batho.

19 A ba e leng baba ba me

ba se itumele ka nna

ka mo go sa siamang;

le gone ba ba nkilang ka bomo

a ba se soke leitlho.

20Gonne ga ba bue kagiso;

ba baakanyetsa ba ba ntseng

ba ituletse fela

mo lefatsheng mafoko a tsietso.

21Ee, ba nkatlhamisetsa melomo ya

bone thata;

ba re: “Ahe! Ahe!

Leitlho la rona le go bonye.”

22Jehofa, wena o go bonye;

o se ka wa didimala;

Jehofa o se ka wa nna kgakala

le nna.

23Kubuga, o tsogele katlholo ya me,

e bong go mo go sekwang ga me,

Modimo wa me le Morena wa me.

24Nkatlhola, Jehofa, Modimo wa me,

ka fa tshiamong ya gago;

a ba se itumele ka nna.

25A ba se bue mo pelong ya bone

ba re: “Ahe! Re rata ga nna jalo.”

A ba se re: “Re mo komeditse.”

26A ba tlhajwe ke ditlhong,

ba sosobaganngwe mmogo

ba ba itumelelang kutlobotlhoko

ya me;

a ba ba inkgodisetsang ba apesiwe

ditlhong le tlotlologo.

27Ba ba tshabang le nna

ka ga mo ke go sekang ga tshiamo,

a ba duduetse ka boitumelo;

ee, a ba nne ba re ka gale:

“A go goletsege Jehofa

yo o kgatlhwang ke go kokotlegela

ga motlhanka wa gagwe.”

28Loleme lwa me lo tlaa bua

ka ga tshiamo ya gago,

le ka ga pako ya gago

ka letsatsi lotlhe fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help