PESALEMA 48 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sione ke motse wa Kgosi e kgoloPesalema ya bomorwa Kora. Sefela.

1O mogolo Jehofa,

o na le go bakwa segolo

mo motseng wa Modimo wa rona,

mo thabeng ya one e e boitshepo.

2 E ntle thaba ya Sione,

ka go golela godimo,

e itumelelwa ke lefatshe lotlhe,

ka fa ntlheng ya botsheka,

motse wa Kgosi e kgolo.

3Modimo o ikitsisitse

mo matlong a gone a dikgosi

fa o le botshabelo.

4Gonne, bonang,

dikgosi tsa phuthega,

mme tsa feta mmogo.

5Di ne tsa go bona,

foo tsa gakgamala thata;

tsa tsielwa,

tsa itlhaganela tsa ya koo.

6Thoromo ya di tshwara teng;

le botlhoko jaaka jwa mosadi

yo o mo pelegong.

7Wa thuba dikepe tsa Tarešiše

ka phefo ya botlhabatsatsi.

8Jaaka re utlwile,

re bonye fela jalo

mo motseng wa ga Jehofa

wa masomosomo,

mo motseng wa Modimo wa rona;

Modimo o tlaa o tlhomamisa

ka bosenabokhutlo. Sela.

9Re akantse bopelonomi jwa gago

jwa lorato, Modimo,

mo gare ga tempele ya gago.

10Fela jaaka leina la gago le ntse,

Modimo, pako ya gago le yone

e ntse jalo

kwa dikhutlong tsa lefatshe;

seatla sa gago se se siameng

se tletse tshiamo.

11A thaba ya Sione e itumele,

le bomorwadia Juta ba ipele,

ka ntlha ya dikatlholo tsa gago.

12Tlalatlalang le Sione,

lo bo lo o potonoge;

balang dikago tsa one

tse di godileng tsa phemelo.

13Lo tlhokomele sentle

dithako tsa phemelo tsa one,

lo akanye matlo a one a dikgosi;

gore lo tle lo bolelele

losika lo lo tlang.

14Gonne Modimo one,

ke Modimo wa rona

ka bosakhutleng le ka bosaengkae;

one o tlaa nna mosupatsela wa rona

le go ya fela mo losong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help