ISAIA 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlaa otlhaya Etopia

1 Ija! A lefatshe la go suma ga diphuka, le le leng kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia;

2le le romang barongwa ka lewatle, e bong ka makawe a koma mo metsing, ba re: “Tsamayang lona barongwa ba difadima, lo ye morafeng o o batho ba baleele ba ba borethe, kwa bathong ba ba sa leng ba simologa ba nna poitshego go tla le mo nakong eno; e le morafe o o lekanyetsang, le o o sobotlang, o lefatshe la one le faraferweng ke dinoka!”

3Lona lotlhe banni ba lobopo lotlhe, le lona ba lo agileng mo lefatsheng, e re mogang mokgele o tsholediwang mo dithabeng, lo lebe, e re mogang lonaka lo lediwang, lo utlwe.

4Gonne Jehofa o buile le nna jaana, a re: “Ke tlaa didimala fela, mme ke tlaa leba ke le mo boagong jwa me; jaaka mogote wa letsatsi le le tsabakelang, jaaka monyo mo mogoteng wa lobaka lwa thobo.”

5Gonne e tlaa re pele ga thobo, fa sethunya se tlhotlhoregile, mme kgolokwane e tloga e nna mafine a a butswang, o tlaa kgaola dikalana ka dithipa, a tlose menamo, a reme.

6Ba le mmogo ba tlaa tlogelelwa manong a dithaba, le dibatana tsa lefatshe; mme manong a tlaa ba ja selemo, le dibatana tsotlhe tsa lefatshe di tlaa ba ja mariga.

7Mo motlheng oo, go tlaa tlisediwa Jehofa wa masomosomo neo, e tswa tšhabeng e e batho ba baleele, ba ba borethe, e tswa tšhabeng e e sa leng e simologa e nna poitshego go tla nakong eno; e le morafe o o lekanyetsang, le o o sobotlang, o lefatshe la one le faraferweng ke dinoka, e tlisiwa kwa felong ga leina la ga Jehofa wa masomosomo, kwa thabeng ya Sione.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help