PESALEMA 74 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boikuelo Modimong kgatlhanong le mmaba wa batho ba oneMasekile wa ga Asafe.

1Modimo, o re latlheleletseng

ruri? Bogale jwa gago bo

tukelelang dinku

tsa bohulo jwa gago?

2Gakologelwa phuthego ya gago,

e o sa leng wa e reka bogologolo,

e o e rekolotseng, gore e nne

sešaba sa boswa jwa gago;

le thaba ya Sione

e o kileng wa aga mo go yone.

3Tsholeletsa dinao tsa gago

kwa maropeng

a a ntseng ka bosaengkae;

kwa bosuleng jo mmaba o bo

dirileng mo felong ga boitshepo.

4Baganetsi ba gago ba ntse ba bopa

fa gare ga phuthego ya gago;

ba tlhomile mekgele ya bone

go nna ditshupo.

5Ba kile ba nna jaaka ekete

ke batho ba ba ekelang sekgwa

sa ditlhare dilepe.

6Jaanong dilo tse di kwadilweng

ka botswerere ka go setwa,

ba di thubaka ka seletswana

le dinoto.

7Ba tshubetse felo ga gago

ga boitshepo;

ba itshepolotse boago jwa leina

la gago, ka go bo digela fa fatshe.

8Mo pelong tsa bone ba rile:

“A re di gasagaseng gotlhe fela;”

ba jele matlo a thuto a otlhe

a Modimo mo lefatsheng ka molelo.

9Ga re bone ditshupo tsa rona;

ga go tlhole go na le moperofeti ope;

le gone ga go na ope yo o itseng

gore ke lobaka lo lo kaye.

10Modimo,

kana moganetsi o tlaa nna a kgoba

goleele go le kaye?

A mmaba o tlaa nna a tlhapatsa

leina la gago ka bosakhutleng?

11O gonelang letsogo la gago,

e bong letsogo la gago

le le siameng?

Le ntshe mo sehubeng sa gago

o ba nyeletse.

12Le fa go ntse jalo,

Modimo o ntse o le Kgosi ya me

le mo bogologolong,

o ntse o dira poloko

mo gare ga lefatshe.

13 O ne wa kgaoganya lewatle

ka nonofo ya gago;

wa thuba ditlhogo tsa dikgogela

mo metsing.

14 O thubagantse ditlhogo tsa kubu

e tona, wa e naya batho

ba ba ntseng mo nageng go e ja.

15O ne wa fatoganya motswedi

le morwalela;

wa kgadisa dinoka tse dikgolo thata.

16Motshegare ke wa gago,

bosigo le gone ke jwa gago;

o baakantse lesedi le letsatsi.

17O tlhomile dithoko tsotlhe

tsa lefatshe;

o dirile selemo le mariga.

18Gakologelwa mo, Jehofa,

go re mmaba o kgobile,

le go re batho ba ba dieleele

ba tlhapaditse leina la gago.

19O se ka wa neela sebatana

mowa wa lephoi la gago;

o se ka wa lebala botshelo

jwa bahumanegi ba gago

ka bosakhutleng.

20Tlhokomela kgolagano,

gonne mafelo a a lefifi a lefatshe

a tletse maago a thubakanyo.

21A bapatikwi

ba ke ba se ka ba bowa ka ditlhong;

a bahumanegi le batlhoki

ba bake leina la gago.

22Modimo, nanoga o ipuelele

mo kgannyeng ya gago;

gakologelwa ka fa motho wa seeleele

o tlholang a go kgoba ka letsatsi

lotlhe ka teng.

23O se ka wa lebala lentswe

la baganetsi ba gago;

tlhapeo ya ba ba go tsogologelang

e tlhatloga ka gale le ka gale.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help