JONA 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya ga Jona

1Foo Jona a rapela Jehofa Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya leruarua.

2A re:

“Ka ntlha ya pitlagano ya me

ka biletsa kwa go Jehofa,

mme a nkaraba, ka goa

ke le mo mpeng ya Bobipo,

mme wa utlwa lentswe la me.

3Gonne o ne wa ntatlhela

mo botenyeng,

mo pelong ya mawatle,

mme morwalela

o ne o ntsentse gare;

dintelo tsotlhe tsa gago,

le makhubu a gago a metsi

a ne a ntlolela godimo.

4Mme ka re:

‘Ke latlhegetse koo kwa ntle

fa pele ga matlho a gago;

le fa go ntse jalo

ke tlaa ba ke leba

kwa tempeleng ya gago

e e boitshepo.’

5Metsi a ne a mpharafere,

go ya go fitlha le kwa moweng;

boteng bo ne bo le tikologong

ya me;

malele a ne a ntharile tlhogo.

6Ka fologela

kwa metheong ya dithaba;

lefatshe ka mephakalego ya lone

la ntswalegela ka bosakhutleng;

le fa go ntse jalo

o ntshitse botshelo jwa me

mo moleteng,

wena Jehofa Modimo wa me.

7E rile mowa wa me o idibala

mo teng ga me,

ka gakologelwa Jehofa;

morapelo wa me

wa ya go tsena kwa go wena,

mo tempeleng ya gago

e e boitshepo.

8Ba ba tlhokomelang maithamako

a maaka

ba tlogela boutlwelobotlhoko

jwa bone ka bosi.

9Mme nna ke tlaa go isetsa setlhabelo

ka lentswe la tebogo;

ke tlaa lefa se ke se ikanneng.

Poloka ke ya ga Jehofa.”

10Mme Jehofa a bua le leruarua, mme la tlhatsetsa Jona mo lefatsheng la komelelo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help