1“A dipelo tsa lona di se huduege; lo dumela mo Modimong, dumelang le mo go nna.
2Mo ntlong ya ga Rre, go na le manno a le mantsi; fa go ne go sa nna jalo, nka bo ke le boleletse; gonne ke ya go lo baakanyetsa bonno.
3Mme fa ke ya go lo baakanyetsa bonno, ke tlaa tla gape, mme ke tlaa lo itsholela; gore kwa ke leng teng le lona lo nne teng.
4Kwa ke yang teng lo itse tsela ya teng.”
5Thomase a mo raya a re: “Morena, ga re itse kwa o yang teng; kana tsela re e itse jang?”
6Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.
7Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rre; mme go tloga fano lo a mo itse, mme lo mmonye.”
8Filipo a mo raya a re: “Morena, re bontshe Rara, mme go tlaa bo go re lekanye.”
9Jesu a mo raya a re: “A ke gore ke ntse le lona lobaka lo lo kanakana, ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara; o bua jang, wa re: ‘Re bontshe Rara’?
10A ga o dumele fa ke le mo go Rara, le Rara mo go nna? Mafoko a ke a buang le lona ga ke a ipuise ka nosi; mme Rara, ka a ntse mo go nna, o dira ditiro tsa gagwe.
11Ntumelang fa ke le mo go Rara, le Rara a le mo go nna; fa go sa nna jalo, ntumelang ka ntlha ya ditiro fela ka tsosi.
12Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o dumelang mo go nna, ditiro tse ke di dirang, le ene o tlaa di dira; o tlaa dira ditiro tse dikgolo go feta tse; gonne ke ya kwa go Rara.
13Mme se lo tlaa se lopang, le fa e ka nna eng, ka leina la me, sone ke tlaa se dira, gore Rara a galalediwe mo go Morwawe.
14Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.
Jesu o solofetsa Mowa o o Boitshepo15“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.
16Mme ke tlaa rapela Rara, mme o tlaa lo naya Mogomotsi o sele, gore a nne le lona ka bosakhutleng,
17e bong Mowa wa boammaaruri, o lefatshe le sa ka keng la o tshola; gonne ga le o bone, ga le o itse; lona lo a o itse; gonne o ntse le lona, mme o tlaa nna mo go lona.
18“Ga nketla ke lo tlogela lo le masiela fela; ke tlaa tla kwa go lona.
19E tlaa re kwa pelenyana, lefatshe le bo le sa tlhole le mpona; mme lona lo bo lo ntse lo mpona; e re ka ke tshedile, le lona lo tlaa tshela.
20E tlaa re mo letsatsing leo lo tlaa itse fa ke le mo go Rre, le lona mo go nna, le nna mo go lona.
21“Yo o nang le ditaolo tsa me, a di tshegetsa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang, o tlaa ratwa ke Rre, le nna ke tlaa mo rata, mme ke tlaa mo ipontsha.”
22Jutase – e seng Isekariote – a mo raya a re: “Morena, go dirile jang ka o tlaa ipontsha rona, mme e seng lefatshe?”
23Jesu a mo fetola a re: “Fa motho a nthata, o tlaa tshegetsa lefoko la me; mme Rre o tlaa mo rata, mme re tlaa tla mo go ene, re dira bonno jwa rona mo go ene.
24Yo o sa nthateng, ga a tshegetse mafoko a me; mme lefoko le lo le utlwang, ga se la me, ke la Rara yo o nthomileng.
25“Dilo tse ke di buile le lona, ke sa ntse ke ntse le lona.
26Mme Mogomotsi, e bong Mowa o o Boitshepo, yo Rara o tlaa mo romang ka leina la me, ene o tlaa lo ruta dilo tsotlhe; o tlaa lo gakolola tsotlhe tse ke di buileng le lona.
27“Kagiso ke e tlogela le lona; kagiso ya me ke a e lo naya; ga ke lo neye jaaka lefatshe le tle le neye batho. A dipelo tsa lona di se fuduege, le gone a di se boife.
28Lo utlwile jaaka ke lo reile ka re, ke a tsamaya, mme ke tlaa tla kwa go lona. Fa lo ne lo nthata lo ne lo tlaa itumela, ka gobo ke ya kwa go Rara; gonne Rara o mogolo bogolo go nna.
29Jaana ke lo boleletse go sa le gale, go ise go dirafale, gore e tle e re go diretse lo bo lo dumele.
30Ga nketla ke tlhola ke bua segolo le lona, gonne kgosana ya lefatshe e etla, mme ga e na sepe mo go nna;
31ke raya gore lefatshe le itse fa ke rata Rara, le jaaka Rara a nneile taolo, ke dira fela jalo. Nanogang, re tsweng mono.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.