PESALEMA 119 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Molao wa ModimoAlef

1Go sego bone ba ba

itekanetseng mo tseleng,

ba sepela mo molaong

wa ga Jehofa.

2Go sego ba ba bolokang

ditshupo tsa gagwe,

ba mmatla ka pelo yotlhe.

3Ee, ba bo ba sa dire tshiamololo

epe,

ba sepela fela

mo ditseleng tsa gagwe.

4O re laeletse dikaelo tsa gago,

gore re di tlhokomele ka tlhoafalo.

5Ao, a bo ditsela tsa me

di ka bo ne ne di tlhomametse

go tlhokomela ditao tsa gago!

6Foo ke ne ke se ketla

ke tlhajwa ke ditlhong

mogang ke tsayang ditaolo

tsotlhe tsa gago tsia.

7Ke tlaa go ntshetsa malebogo

ka thokgamo ya pelo,

mogang ke ithutang dikatlholo

tsa gago tse di siameng.

8Ke tlaa ela ditao tsa gago tlhoko;

a ko o se ka wa ntlogelela ruri.

Go tshegetsa molao wa ModimoBeth

9Ana motho wa lekau o tlaa

ntlafatsa tsela ya gagwe ka eng?

Ka go e tlhokomela

ka fa lefokong la gago.

10Ke go batlile

ka pelo ya me yotlhe fela;

a ko o se ka wa ntesa

ka timelwa ke ditaolo tsa gago.

11Ke beile lefoko la gago

mo pelong ya me

gore ke se ka ka go leofela.

12A go bakwe Jehofa;

nthuta ditao tsa gago.

13Ka dipounama tsa me

ke kakantse dikatlholo tsotlhe

tsa molomo wa gago.

14Ke ntse ke itumetse

mo tseleng ya ditshupo tsa gago

mo go kanang ka fa ke itumelela

dikhumo tsotlhe.

15Ke tlaa tlhatlhanya dikaelo tsa gago,

ke tlaa tsaya ditsela tsa gago tsia.

16Ke tlaa ijesa monate

mo ditaong tsa gago;

ga nketla ke lebala lefoko la gago.

Boitumelo mo molaong wa ModimoGimel

17Direla motlhanka wa gago sentle

ka pelo e e feteletseng,

gore ke tle ke tshele;

jalo ke tlaa tsaya lefoko la gago tsia.

18Budulola matlho a me,

gore ke bone dilo tse di

gakgamatsang tsa molao wa gago.

19Ke mojaki fela mo lefatsheng,

se ntshubele ditaolo tsa gago.

20Mowa wa me o phatlolwa

ke go tlhologelelwa dikatlholo

tsa gago ka metlha yotlhe.

21O kgalemetse bapelompe,

ba ba hutsegileng, ba ba

timelelwang ke ditaolo tsa gago.

22Tlosa kgobo le lonyatso

mo go nna;

gonne ke bolokile ditshupo tsa gago.

23Dikgosana le tsone tsa dula,

tsa nna tsa ntsheba;

mme motlhanka wa gago a nna

a tlhatlhanya ditao tsa gago fela.

24Ditshupo tsa gago le tsone

di njesa monate;

ke digakolodi tsa me.

Maitlamo a go obamela molao wa ModimoDaleth

25Mowa wa me o ngaparetse lorole;

ntsitsibosa ka fa lefokong la gago.

26Ke ne ka kakanya ditsela tsa me,

mme wa nkaraba;

nthuta ditao tsa gago.

27Ntlhaloganyetsa

tsela ya dikaelo tsa gago;

jalo ke tlaa tlhatlhanya

ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.

28Ke nyera mowa ka go imelesega;

nthatafatsa ka fa lefokong la gago.

29Tlosa tsela ya maaka mo go nna;

o nneye molao wa gago

ka pelotshweu.

30Ke itshenketse tsela ya boikanngo;

dikatlholo tsa gago

ke di tlhomile fa pele ga me.

31Ke ngaparetse ditshupo tsa gago;

Jehofa,

o se ka wa ntlhabisa ditlhong.

32Ke tlaa taboga mo tseleng

ya ditaolo tsa gago,

mogang o katolosang pelo ya me.

Thapelo ya kutlwisisoHe

33Nthuta tsela

ya ditao tsa gago,

34Nnaya tlhaloganyo,

mme ke tlaa boloka molao wa gago;

ee, ke tlaa o tlhokomela

ka pelo ya me yotlhe fela.

35Ntseisa tsela ya ditaolo tsa gago;

gonne ke ja monate mo go tsone.

36Sokololela pelo ya me

mo ditshupong tsa gago,

e seng mo bopelotshetlheng.

37Faposa matlho a me

mo go lebeng boithamako,

o ntsitsibose mo ditseleng tsa gago.

38Tlhomamisetsa motlhanka wa gago

lefoko la gago,

yo ke leng wa poifo ya gago.

39Thibosa kgobo ya me,

e ke e tshabang;

gonne dikatlholo tsa gago

di molemo.

40Bona, ke ntse ke tlhologeletswe

dikaelo tsa gago;

ntsitsibosa mo tshiamong ya gago.

Go tshepa molao wa ModimoVau

41A mautlwelobotlhoko a gago

a tle mo go nna, Morena,

e bong poloka ya gago,

ka fa lefokong la gago.

42Jalo ke tlaa bo ke na le go fetola

yo o nkgobang;

gonne ke ikanya lefoko la gago.

43Lefoko la gago

o se ka wa le tlosetsa ruri

mo molomong wa me;

gonne ke ntse ke solofetse

mo dikatlholong tsa gago.

44Jalo ke tlaa tlhokomela

molao wa gago ka gale,

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

45Ke tlaa tsamaya ke gololosegile;

gonne ke senkile dikaelo tsa gago.

46Le gone ke tlaa bua

ka ga ditshupo tsa gago,

le fa pele ga dikgosi

ga nketla ke tlhajwa ke ditlhong.

47Ke tlaa ijesa monate

mo ditaolong tsa gago,

tse ke di ratileng.

48Le tsone diatla tsa me,

ke tlaa di tsholeletsa

kwa ditaolong tsa gago,

tse ke di ratileng;

mme ke tlaa tlhatlhanya ditao

tsa gago.

Boikanyo mo molaong wa ModimoZain

49Gakologelwa lefoko le o

le buileng le motlhanka wa gago,

gonne o ntsholofeditse.

50Ke lone kgomotso ya me

mo pitlaganong;

gonne lefoko la gago

le ntsitsibositse.

51Ba ba pelompe

ba nngongotse segolo thata;

le fa go ntse jalo ga ke a ngosela

mo molaong wa gago.

52Ke ntse ke gakologetswe

dikatlholo tsa gago

tsa bogologolo Jehofa,

mme ke ikgomoditse.

53Ke tshwerwe ke kgakatsego

e e molelo ka ntlha ya baikepi

ba ba tlogelang molao wa gago.

54Ditao tsa gago

e ntse ke tsone dikopelo tsa me

mo ntlong ya loeto lwa me.

55Ke ntse ke gakologetswe

leina la gago, Jehofa, bosigo,

mme ke tlhokometse molao wa gago.

56Moo ke ntse ke na nago,

gonne ke bolokile dikaelo tsa gago.

Boineelo mo molaong wa ModimoKeth

57Jehofa ke kabelo ya me; ke rile,

ke tlaa tlhokomela mafoko a gago.

58Ke ne ka rapelela

lesego la gago thata,

ka pelo ya me yotlhe;

o nne kutlwelobotlhoko mo go nna,

ka fa lefokong la gago.

59Ka akanya mekgwa ya me,

ka busetsa dinao tsa me

mo ditshupong tsa gago.

60Ka itlhaganela,

ka se ka ka nyafala

go tlhokomela ditaolo tsa gago.

61Megala ya boikepi e ntharile,

mme ga ke a lebala molao wa gago.

62Bosigo gare ke tlaa tsoga

ke go leboga,

ka ntlha ya dikatlholo tsa gago

tse di siameng.

63Ke monkana wa botlhe

ba ba go boifang,

le wa ba ba tlhokomelang

dikaelo tsa gago.

64Jehofa, lefatshe le tletse

kutlwelobotlhoko ya gago;

nthuta ditao tsa gago.

Bomosola jwa molao wa ModimoTeth

65O diretse motlhanka wa gago sentle,

Jehofa, fela ka fa lefokong la gago.

66Nthuta temogo e e molemo,

le kitso;

gonne ke dumetse ditaolo tsa gago.

67E rile ke ise ke patikwe ka timela;

mme jaanong ke tlhokomela lefoko

la gago.

68O molemo, mme o dira molemo;

nthuta ditao tsa gago.

69Ba ba pelompe ba ntogetse kako;

ke tlaa boloka dikaelo tsa gago

ka pelo yotlhe ya me.

70Pelo ya bone e nonne jaaka mafura,

mme nna ke natefelwa

mo molaong wa gago.

71Go ntiretse molemo

fa ke ntse ke patikwa;

gore ke tle ke ithute ditao tsa gago.

72Molao wa molomo wa gago

o molemo mo go nna

bogolo go makgolokgolo a gouta le

selefera.

Tshiamo ya molao wa ModimoYod

73Diatla tsa gago

di ntirile tsa ba tsa mpopa;

nnaya tlhaloganyo,

gore ke ithute ditaolo tsa gago.

74Ba ba go boifang

ba tlaa mpona, ba itumela;

gonne ke solofetse

mo lefokong la gago.

75Ke a itse Jehofa,

fa dikatlholo tsa gago di le tshiamo,

le gore o nkutlwisitse botlhoko

e le ka go ntshiamisa.

76Ke a go rapela,

a ko o mme mapelonomi a gago

a lorato a nne kgomotso ya me,

ka fa lefokong la gago

mo motlhankeng wa gago.

77A mautlwelobotlhoko

a manana a gago a tle mo go nna,

gore ke tshele;

gonne molao wa gago

ke mo go njesang monate.

78A ba ba pelompe

ba tlhajwe ke ditlhong, gonne

ba ntigile ka mo go sa siamang;

mme nna,

ke tlaa tlhatlhanya dikaelo tsa gago.

79A ba ba go boifang

ba sokologele mo go nna,

mme ba tlaa itse ditshupo tsa gago.

80A pelo ya me e itekanele

mo ditaong tsa gago;

gore ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong.

Thapelo ya kgololoKaf

81Mowa wa me

o idibalela poloka ya gago,

mme ke solofetse mo lefokong

la gago.

82Matlho a me

a lapela lefoko la gago,

ka ke ntse ke re:

“O tlaa nkgomotsa leng?”

83Gonne ke ntse jaaka sekoo

mo mosing fela;

le fa go ntse jalo

ga ke lebale ditao tsa gago.

84Ana malatsi a motlhanka wa gago

ke a le kaye?

O tlaa dirafatsa katlholo leng

mo go ba ba mpogisang?

85Ba ba pelompe

ba nkepetse mamena, e bong bone

ba ba sa nnang ka fa molaong

wa gago.

86Ditaolo tsa gago tsotlhe

di boikanngo;

ba mpogisa ka mo go sa siamang;

wena, a ko o nthuse.

87Ba batlile go nja ba ntshwetsa

mo lefatsheng;

mme ga ke a ka ka tlogela

dikaelo tsa gago.

88Ntsitsibosa

ka fa mapelonoming a gago;

jalo ke tlaa tlhokomela tshupo

ya molomo wa gago.

Tumelo mo molaong wa ModimoLamed

89Jehofa, lefoko la gago

le nnetse ruri ka bosakhutleng

mo legodimong.

90Boikanngo jwa gago bo

fitlha mo tshikatshikeng;

o tlhomamisitse lefatshe,

mme le ntse.

91Di ntse le gompieno

ka fa ditaolelong tsa gago;

gonne dilo tsotlhe

ke batlhanka ba gago.

92Fa molao wa gago o ka bo

o se ka wa nna boitumelo jwa me,

nka bo ke nyeletse mo pitlaganong

ya me.

93Ga nketla ke lebala

dikaelo tsa gago gope;

gonne o ntsitsibositse ka tsone.

94Ke wa gago, o mpoloke;

gonne ke batlile dikaelo tsa gago.

95Baikepi ba ntaletse

gore ba tle ba ntshenye,

mme ke tlaa tlhatlhanya

ditshupo tsa gago.

96Ke bonye bokhutlo jwa boitekanelo

jotlhe;

mme taolo ya gago e atlhame thata.

Go rata molao wa ModimoMem

97Ana ke rata molao wa gago jang!

Ke one go tlhatlhanya ga me

ka letsatsi lotlhe.

98Ditaolo tsa gago di ntlhalefisa

go gaisa baba ba me;

gonne di nna le nna ka gale.

99Ke na le tlhaloganyo

go gaisa baruti botlhe ba me;

gonne ditshupo tsa gago

ke tsone tlhatlhanyo ya me.

100Ke tlhaloganya bogolo go batsofe,

gonne ke bolokile dikaelo tsa gago.

101Ke thibile dinao tsa me

mo ditseleng tsotlhe tse di bosula,

gore ke tle ke tlhokomele

lefoko la gago.

102Ga ke a fapoga dikatlholo tsa gago;

gonne o nthutile.

103Ana mafoko a gago a botshe jang

mo magalapeng a me;

ee, a gaisa dinotshe

mo molomong wa me.

104Ke bona tlhaloganyo

ka dikaelo tsa gago;

ke gone ka moo ke ilang mokgwa

mongwe le mongwe wa phoro.

Lesedi la molao wa ModimoNun

105Lefoko la gago

ke lobone lwa dinao tsa me,

le lesedi la tsela ya me.

106Ke ikanne,

mme ke go tlhomamisitse,

gore ke tlaa tlhokomela dikatlholo

tsa gago tse di siameng.

107Ke utlwisitswe botlhoko thata;

ntsitsibosa Jehofa,

ka fa lefokong la gago.

108Ke a go rapela, Jehofa,

a ko o amogele

ditshupelo tsa molomo wa me,

tse di leng tsa peleego,

mme o nthute dikatlholo tsa gago.

109Mowa wa me o ntse o le

mo seatleng sa me fela ka gale;

le fa go ntse jalo

ga ke lebale molao wa gago.

110Baikepi ba nthaetse ka seru;

le fa go ntse jalo ga ke a ka

ka timelwa ke dikaelo tsa gago.

111Ditshupo tsa gago ke di tseile

go nna boswa ka bosakhutleng;

gonne tsone,

ke boipelo jwa pelo ya me.

112Ke sokololetse pelo ya me

kwa go direng ditao tsa gago

ka bosakhutleng,

e leng go ya kwa bokhutlong.

Polokesego mo molaong wa ModimoSamek

113Ke ila ba ba maitlhomo mabedi,

mme molao wa gago one

ke a o rata.

114O boitshubelo jwa me,

le thebe ya me;

ke solofetse mo lefokong la gago.

115Ntlogelang, lona badira bosula,

gore ke boloke ditaolo

tsa Modimo wa me.

116Nkokotletsa ka fa lefokong la gago,

gore ke tshele;

a ke se ka ka tlhabisiwa ditlhong

ke tsholofelo ya me.

117Ntshegetsa,

mme ke tlaa bolokesega;

le ditao tsa gago

ke tlaa di tsaya tsia ka gale.

118O nyaditse botlhe

ba ba timelwang ke ditao tsa gago;

gonne tsietso ya bone

ke maaka fela.

119O a tle o latlhe baikepi botlhe

ba lefatshe jaaka manyelo;

ke gone ka mo

ke ratang ditshupo tsa gago.

120Nama ya me

e roromisiwa ke go go boifa;

ke bile ke tshaba dikatlholo tsa gago.

Go obamela molao wa ModimoAyin

121Ke dirile katlholo le tshiamiso;

se ntlogele mo bapatiking ba me.

122O nne moemedi wa molemo mo

boemong jwa motlhanka wa gago;

a ba ba bopelompe ba se mpatike.

123Matlho a me

a lapela poloka ya gago,

le lefoko la gago la tshiamo.

124Direla motlhanka wa gago

ka fa boutlwelongbotlhoko jwa gago,

o nthute ditao tsa gago.

125Ke motlhanka wa gago,

nnaya tlhaloganyo, gore ke tle

ke itse ditshupo tsa gago.

126Ke lobaka lwa ga Jehofa go dira;

gonne ba thatholotse

molao wa gago.

127Ke gone ka moo ke ratang

ditaolo tsa gago bogolo go gouta,

ee, bogolo go gouta e e itshekileng.

128Ke gone ka moo ke kayang

dikaelo tsa gago tsotlhe

ka ga dilo tsotlhe, gore di tshiamo;

mme ke ila mokgwa mongwe

le mongwe wa phoro.

Keletso tsa go obamela molaoPe

129Ditshupo tsa gago di a gakgamatsa;

ke gone ka moo mowa wa me

o di bolokang.

130Go bolelesega ga mafoko a gago

go a senola; go tle go neye

ba ba sa tlhalefang tlhaloganyo.

131Ka momolola molomo wa me,

mme ka fegelwa;

gonne ke ne ke tlhologeletswe

ditaolo tsa gago.

132Sokologela mo go nna,

o nkutlwele botlhoko,

jaaka o ne o ntse o tle o direle

ba ba ratang leina la gago.

133Rulaganya dikgato tsa me

mo lefokong la gago;

a go se nne boikepo bope jo bo

tlaa nnang le taolo mo go nna.

134Nthekolola mo patikong ya motho;

jalo ke tlaa tlhokomela

dikaelo tsa gago.

135Phatsimisetsa motlhanka wa gago

sefatlhogo sa gago;

o bo o nthute ditao tsa gago.

136Dinoka tsa metsi di ela

mo matlhong a me,

ka gobo ba sa tlhokomele

molao wa gago.

Tshiamo ya molao wa ModimoTsade

137O tshiamo, wena, Jehofa;

le dikatlholo tsa gago di thokgame.

138Ditshupo tsa gago

o di laotse mo tshiamong

le boikanngo tota.

139Tlhoafalo ya me e njele ya

mphetsa,

gonne baganetsi ba me

ba lebetse mafoko a gago.

140Lefoko la gago le itshekile thata;

ke gone ka moo motlhanka wa gago

o le ratang.

141Ke monnye, ke bile ke a nyatsega;

le fa go ntse jalo

ga ke lebale ditao tsa gago.

142Tshiamo ya gago

ke tshiamo e e sa khutleng,

le molao wa gago ke boammaaruri.

143phuduego e ntshwere,

le tlalelo e e mahehe;

le fa go ntse jalo

ditaolo tsa gago

ke natefelo ya me.

144Ditshupo tsa gago di tshiamo

ka bosakhutleng;

nnaya tlhaloganyo,

mme ke tlaa tshela.

Thapelo ya kgololoKof

145Ke biditse ka pelo ya me yotlhe;

nkaraba Jehofa;

ke tlaa boloka ditao tsa gago.

146Ke bileditse koo go wena;

mpoloka, mme ke tlaa

tlhokomela ditshupo tsa gago.

147Ka raka mahube a moso, ka goa;

ka solofela mo mafokong a gago.

148Matlho a me

a ne a raka ditebeledi tsa bosigo,

gore ke tle ke tlhatlhanye

lefoko la gago.

149Utlwa lentswe la me

ka fa bopelonoming jwa gago jwa

lorato; o ntsitsibose Jehofa,

ka fa dikatlholong tsa gago.

150Ba ba latelang boikepo

ba a atamela;

ba kgakala le molao wa gago.

151Wena o gaufi Jehofa;

ditaolo tsotlhe tsa gago

di boammaaruri.

152Ke sa le ke itse bogologolo

ka ditshupo tsa gago,

fa o di tlhometse bosakhutleng.

Boikuelo jwa go kopa thusoResh

153Gopola patikego ya me,

mme o nkgolole;

gonne ga ke lebale molao wa gago.

154Mpuelela mo kgannyeng ya me,

o bo o nthekolole;

ntsitsibosa ka fa lefokong la gago.

155Poloko e kgakala le baikepi;

gonne ga ba batle ditao tsa gago.

156Mautlwelobotlhoko a manana a gago

a magolo, Jehofa; ntsitsibosa

ka fa dikatlholong tsa gago.

157Ba bantsi babogisi ba me,

le baganetsi ba me;

le fa go ntse jalo ga ke a ngosela

mo ditshupong tsa gago.

158Ke ne ka leba ba ba dirang ka koko,

mme ka utlwa botlhoko

ka ba sa tlhokomele lefoko la gago.

159A ko o gopole ka fa ke ratang

dikaelo tsa gago ka gone;

ntsitsibosa Jehofa,

ka fa bopelonoming jwa gago

jwa lorato.

160Tshobokano ya lefoko la gago

ke boammaaruri;

nngwe le nngwe ya dikatlholo

tsa gago tse di siameng,

e eme ka bosakhutleng.

Go ineela mo molaong wa ModimoShin

161Dikgosana di mpogisitse ka bomo;

mme pelo ya me e eme

mo go sisimogeng lefoko la gago.

162Ke itumela ka lefoko la gago, jaaka

motho yo o bonang thopo e kgolo.

163Ke ila maaka, a mphedisa pelo ruri;

molao wa gago ke a o rata.

164Ke tle ke go bake gasupa ka letsatsi,

ka ntlha ya dikatlholo tsa gago

tse di siameng.

165Ba ba ratang molao wa gago

ba na le kagiso e kgolo;

ga ba na go kgopiwa gope.

166Jehofa, ke ntse ke solofetse

poloka ya gago,

mme ke dirile ditaolo tsa gago.

167Mowa wa me o tlhokometse

ditshupo tsa gago;

ke di rata segolo thata.

168Ke tlhokometse dikaelo tsa gago,

le ditshupo tsa gago;

gonne mekgwa yotlhe ya me

e fa pele ga gago.

Thapelo ya go kopa thusoTau

169A go goa ga me

go atamele fa pele ga gago Jehofa;

nnaya tlhaloganyo

ka fa lefokong la gago.

170A mekokotlelo ya me

e fitlhe fa pele ga gago;

nkgolola ka fa lefokong la gago.

171A dipounama tsa me di bue pako;

gonne o nthuta ditao tsa gago.

172A loleme lwa me

lo opele lefoko la gago;

gonne ditaolo tsotlhe tsa gago

di tshiamo.

173A seatla sa gago

se iketleeletse go nthusa;

gonne ke itshenketse

dikaelo tsa gago.

174Ke tlhologeletswe poloka ya gago,

Jehofa; molao wa gago

ke o o njesang monate.

175A mowa wa me o tshele,

mme o tlaa go baka;

le dikatlholo tsa gago di ntshuse.

176Ke timetse jaaka nku

e e ileng le naga;

batla motlhanka wa gago;

gonne ga ke lebale ditaolo tsa gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help