PESALEMA 88 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go gololwa mo losongSefela, Pesalema ya bomorwa Kora; ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Mahalatha Leanotha. Masekile wa ga Hemane wa Moesara.

1Jehofa,

Modimo wa poloko ya me,

ke ntse ke gala fa pele ga gago

motshegare le bosigo.

2A morapelo wa me o tsene,

o fitlhe fa pele ga gago;

sekegela go gala ga me

tsebe ya gago;

3gonne mowa wa me

o tletse ditlalelo,

le botshelo jwa me

bo atamela kwa Bobipong.

4Ke balelwa le bone

ba ba fologelang mo moleteng;

ke ntse jaaka monna

yo o se nang thuso.

5Ke latlhetswe fela mo baswing,

jaaka ba ba bolailweng,

ba ba namaletseng mo phupung,

ba o sa tlholeng o ba gakologelwa

gope; mme ba kgaotswe

mo seatleng sa gago.

6O mpeile mo moleteng

o o kwa tengteng,

mo mafelong a a lefifi,

mo matennyeng.

7Kgalefo ya gago

e ntlapisitse ka thata,

o ntlhokofaditse

ka dinteelo tsotlhe tsa gago. Sela.

8Ba ke itsanyeng nabo

o ba isitse kgakala le nna;

o ntirile se se makgapha

mo go bone; ke tswaletswe,

mme ke reteletswe ke go tswa.

9Leitlho la me

le fela ka ntlha ya tlhokofatso;

ke ntse ke go bitsa, Jehofa,

ka letsatsi le letsatsi

ke otlololetse mabogo a me

koo go wena.

10A baswi o a bo o tlaa ba supetsa

dikgakgamatso?

A ba ba fetileng

ba tlaa tsoga ba go baka? Sela.

11A bopelonomi jwa gago jwa lorato

bo tlaa kakanngwa mo phupung?

le fa e le boikanngo jwa gago

mo goora Tshenyo?

12A dikgakgamatso tsa gago

di tlaa itsiwe mo lefifing?

Le tshiamo ya gago

mo lefatsheng la tebalo?

13Ke wena, Jehofa,

yo ke goetseng kwa go wena;

mme e tle e re go le ka moso

morapelo wa me

o tlaa nna o fitlha fa pele ga gago.

14Jehofa,

ana o latlhelang mowa wa me?

O ntshubelang sefatlhogo sa gago?

15Ke sa le ke patikega,

ke iketleeletsa go swa

le mo bokaung jwa me;

e a re fa ke boga ditheriso tsa gago

ke be ke rerege.

16Kgalefo e e tukang ya gago

e nthibegeditse;

ditheriso tsa gago di nkgaotse.

17Di ne tsa tlhola di mpharafere

jaaka metsi ka letsatsi lotlhe;

tsa mphola mmogo.

18Morati le tsala

o ba isitse kgakala le nna,

le ba ke itsanyeng nabo

o ba isitse mo lefifing.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help