ISAIA 50 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Go bua jaana Jehofa, a re:

“Lo kae lokwalo lwa go

tlhalwa ga mmaa lona,

lo ke mo tlhadileng ka lone?

Gongwe ke ofe wa ba ke tshotseng

molato mo go bone

yo ke lo bapaditseng mo go ene?

Bonang, lo bapaditswe ka ntlha ya

maikepo a lona,

mme ke ka ditlolo tsa lona

mmaa lona a tlhadilwe.

2Ke ka ntlha yang, nna e rile ke tla,

ga bo go se na motho ope?

E rile ke bitsa,

ga bo go se na ope yo o arabang?

A letsogo la me le ngotlafetse,

mo le palelwang ke go rekolola?

Gongwe a ga ke na thata

ya go golola?

Bonang, ka kgalemo ya me,

ke kgadisa lewatle,

le dinoka ke di dira naga fela;

ditlhapi tsa tsone di nkge sebodu,

ka go se na metsi, di swa ka lenyora.

3Ke apesa magodimo mafifififi,

ke dira letsela la kgetse

go nna sebipo sa one.”

Boikobo jwa motlhanka wa Modimo

4Morena Modimo o nneile loleme

lwa ba ba rutegileng,

gore ke tle ke itse go kamatlela

ka puo ene yo o lapileng;

o tlaa a ntsose ka moso moso,

a tsosetse tsebe ya me

go utlwa jaaka ba ba rutegileng.

5Morena Modimo

o nkabolotse tsebe,

mme ga ke a ka ka dira setloontheng

le fa e le go ithuhulela kwa morago.

6 Baditei ka ba neela motlhana wa me,

le marama a me ka a neela ba ba

khumolang ditedu;

sefatlhogo sa me

ga ke a ka ka se subela ditlhong

le kgwelo ya mathe.

7Gonne Morena Modimo

o tlaa nthusa; ke gone

ka fa ke sa sosobaganang ka teng;

ke gone ke beileng sefatlhogo sa me

jaaka legakwa fela, mme ke a itse

fa ke se ketla ke tlhajwa ke ditlhong.

8 O gaufi yo o ntshiamisang;

yo o tlaa ganelang le nna emang?

A re emeng mmogo;

moganetsi wa me emang?

A a nkatamele.

9Bonang, Morena Modimo

o tlaa nthusa;

emang yo o tlaa ntshekisang?

Bonang, bone ba tlaa onala botlhe

jaaka seaparo;

motoutwana o tlaa ba jela ruri.

10Emang mo go lona

yo o boifang Jehofa,

yo o akelang lentswe

la motlhanka wa gagwe,

yo o tsamayang mo lefifing,

mme a se na lesedi? A a ikanye mo

ineng la ga Jehofa,

a ikaege Modimo wa gagwe.

11Bonang, lona lotlhe

ba lo gotsang molelo,

ba lo itlamang ka ditime;

tsamayang mo kgabong ya molelo

wa lona le mo dirumoleng

tse lo di tshubileng.

Go mo, lo tlaa go bona

mo seatleng sa me; gore

lo tlaa robalela mo bohutsaneng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help