EKESODO 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jethero o etela Moše

1Jaana Jethero moperesiti wa Midiane, mogwagadia Moše, a utlwela dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše, le Iseraele batho ba one, jaaka Jehofa a ntshitse Iseraele mo Egepeto.

2 Jethero, mogwagadia Moše, a tsaya Sipora, mosadi wa ga Moše, ka a ne a mmuseditse kwa ga gabo,

3 le bomorwawe ba babedi: leina la mongwe e ne e le Gerešome, gonne a re: “Ke ntse ke le mojaki mo lefatsheng la boeng.”

4Leina la yo mongwe e le Eliesere, gonne a re: “Modimo wa ga rre e ne e le thuso ya me, wa nkgolola mo tšhakeng ya ga Faro.”

5Jethero mogwagadia Moše, a tla kwa go Moše a na le bomorwawe le mosadi wa gagwe; a tla mo nageng kwa o thibeletseng gone, fa thabeng ya Modimo.

6Mme a raya Moše a re: “Nna Jethero, mogwagadio, ke tsile kwano go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao boo babedi nae.”

7Moše a tswa a ya go kgatlhantsha mogwagadie, mme a ikoba, a mo atla; ba botsanya ka fa ba tshedileng ka gone, mme ba tsena mo mogopeng.

8Moše a bolelela mogwagadie tsotlhe tse Jehofa o di diretseng Faro le Baegepeto ka ntlha ya Iseraele, le pitlagano yotlhe e e ba wetseng mo tseleng, le jaaka Jehofa a ba golotse.

9Jethero a itumelela molemo o Jehofa o o diretseng Iseraele, ka a ba golotse mo seatleng sa Baegepeto.

10Jethero a re: “A go bakwe Jehofa, yo o lo golotseng mo seatleng sa Baegepeto, le mo seatleng sa ga Faro; yo o golotseng tšhaba e kwa tlase ga seatla sa Baegepeto.

11Jaanong ke a itse fa Jehofa a le mogolo bogolo go medimo yotlhe; ee, le mo go se ba ne ba ba direla ka bopelompe ka sone.”

12Jethero, mogwagadia Moše, a isetsa Modimo tshupelo e e fisiwang, le ditlhabelo; mme Arone a tla le bagolwane botlhe ba Iseraele, ba tla go ja dijo le mogwagadia Moše fa pele ga Modimo.

Tlhomo ya baatlhodi(Duter 1:9-18)

13Ya re ka moso, Moše a dulela go atlhola batho; batho ba ema ba dikanyeditse Moše go simolola go le ka moso go ya maitseboeng.

14E rile mogwagadia Moše a bona gotlhe mo o go direlang batho a re: “Ana ke eng mo o go direlang batho? O dulelang o le wesi, mme batho botlhe ba tlhola ba eme ba go dikanyeditse, go simolola go le ka moso go ya maitseboaneng?”

15Moše a raya mogwagadie a re: “Ke ka gonne batho ba tla mo go nna ba tla go botsa Modimo;

16ya re fa ba na le mafoko mangwe ba tle mo go nna; mme ke atlhole gare ga motho le wa ga gabo, ke be ke ba itsise ditao tsa Modimo, le melao ya one.”

17Mogwagadia Moše a mo raya a re: “Mo o go dirang ga go molemo.

18Ruri o tlaa tlhorega fela, wena, le batho ba o nang nabo; gonne mo o go dirang go bokete bobe mo go wena; ga o a lekana go go dira o le wesi.

19A ko o utlwe lentswe la me, ke tlaa go naya kgakololo, mme Modimo o nne nao; ka re, wena o emele batho ntlheng ya Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong,

20o ba rute ditao le melao, o ba kaele tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone, le tiro e ba tshwanetseng go e dira.

21Gape, mo bontsing jwa batho o lebalebe banna ba ba nonofileng, ba ba boifang Modimo, banna ba boammaaruri, ba ba ilang papadi e e sa siamang; mme o tlhome ba ba ntseng jalo mo go bone, gore e nne balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le baloadi ba masome;

22ba atlhole batho ka metlha yotlhe; mme mafoko otlhe a matona ba a lere mo go wena, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhole ka bosi; jalo go nne bofefo mo go wena, ba rwale morwalo nao.

23Fa o ka dira selo se, fa Modimo o go laola jalo, foo o ka bona go itshoka, le tšhaba yotlhe e, le yone e tlaa ya felong ga yone ka kagiso.”

24Moše a reetsa lentswe la ga mogwagadie, a dira gotlhe mo o go buileng.

25Moše a tlhaola banna ba ba nonofileng mo go Baiseraele botlhe, a ba dira ditlhogo mo bathong, balaodi ba dikete, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba masome a matlhano, le balaodi ba masome.

26Ba atlhola batho ka metlha yotlhe; mafoko a a thata ba a ise kwa go Moše, mme mafoko a mabotlana ba a atlhole ka bosi.

27Moše a lesa mogwagadie a tsamaya; a ikela kwa lefatsheng la ga gabo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help