JOBE 7 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“A ga se go re motho

o na le lobaka lwa tirelo

mo lefatsheng?

A malatsi a gagwe

ga a tshwane le malatsi

a yo o thapilweng ka tuelo?

2Jaaka motlhanka yo o eletsang thata

go bona moriti go feta,

le jaaka mothapiwa

yo o lebeletseng tuelo ya gagwe;

3jalo le nna ke ruisiwa dikgwedi

tsa boithamako,

ke laoletswe masigo

a a tlhobaedisang.

4E tle e re ke itelega,

ke a tle ke re:

‘Ke tlaa tsoga leng?’

Mme bosigo bo nne boleele;

ke tlale diphethekgano

go tsamaye bosigo bo se.

5Nama ya me e apesitswe diboko

le lorole lo lo makote;

letlalo la me le tle le kopane

mme le itse go phanyega seša.

6Malatsi a me a bofefo

bogolo go selogi sa monyedi,

a feta fela a se na tsholofelo.

7“A ko o gakologelwe go re

botshelo jwa me ke phefo fela,

leitlho la me ga le ketla le tlhola

le bona molemo.

8Leitlho la yo o mponang

ga le ketla le tlhola le nteba;

matlho a gago

a tlaa nna mo go nna,

mme ke tlaa bo ke seyo.

9Jaka leru le tle le nyelele,

mme le kaologele koo,

go ntse jalo,

le ene yo o fologelang mo Bobipong

ga a ketla a tlhola a tlhatloga.

10Ga a ketla a tlhola a boela

kwa ntlong ya gagwe,

le gone felo ga gagwe

ga go ketla go tlhola go mo itse.

11“Ke gone

ga nketla ke kganela molomo wa me;

ke tlaa bua

mo tlalelong e e mahehe

ya mowa wa me;

ke tlaa itoka

mo botlhokong jwa botshelo jwa me.

12A ke lewatle,

kgotsa leruarua la lewatle,

fa e bo ne ne o mpeela tebelo jaana?

13Ya re fa ke re:

‘Bolao jwa me bo tlaa nkgomotsa,

sesekamelo sa me

se tlaa fefofatsa boitoko jwa me;’

14foo o tle o ntshose ka ditoro,

mme o ntheregise

ka diponatshegelo.

15Jalo mowa wa me

o bo o tle o rate go betwa,

o eteletse loso,

bogolo go marapo a, a me.

16Botshelo jwa me

bo mpherosa sebete;

ga ke rate ka tshelela ruri;

ntesa, gonne malatsi a me

ke boithamako fela.

17 Motho e a bo e le eng,

fa e bo ne ne o mo godisa,

o ba o tlhoma pelo ya gago

mo go ene,

18o mo tlhola ka meso yotlhe,

o mo leka ka nako nngwe le nngwe?

19Ana o tlaa gana ka lobaka lo lokae

go faposa matlho mo go nna,

le go ntesa

ke tle ke metse mathe a me.

20Fa ke leofile, ke go direlang,

wena molebedi wa batho?

Ana o ipeela sekonopiwa ka nna

ka ntlha yang?

Ke ba ke tla ke imelwa

ke sebele sa me nna ka nosi.

21Ga o itshwareleleng tlolo ya me,

wa tlosa boikepo jwa me?

Gonne ke tloga ke itelega

mo loroleng;

o tlaa mpatla ka tlhoafalo,

mme ke tla bo ke seyo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help