JOBE 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Biletate

1Foo ga fetola Biletate wa Mosuhe a re:

2“Lo tlaa tsoma mafoko ka lobaka

lo lokae? Akanyang,

mme re tlaa bua kwa morago.

3Ke ka ntlha yang fa re kaiwa

jaaka dikgomo,

re bile re fetogile

re ntse maswe mo ponong ya lona?

4Wena yo o ikgagolang

mo bogaleng jwa gago,

a lefatshe le tlaa latlhwa

ka ntlha ya gago,

kgotsa lefika le tlosiwa

mo bonnong jwa lone?

5 Ee, lesedi la moikepi le tlaa tingwa,

le tlhase ya molelo wa gagwe

ga e ketla e phatsima.

6Lesedi le tlaa nna lefifi

mo mogopeng wa gagwe,

le lampa ya gagwe

mo godimo ga gagwe e tlaa tingwa.

7Dikgato tsa thata ya gagwe

di tlaa pitlaganngwa,

le kgakololo ya gagwe ka esi

e tlaa mo diga.

8Gonne o latlhelwa mo lotloeng

ke dinao tsa gagwe,

o sepela mo dithapong.

9Seru se tlaa mo tshwara ka serethe,

mme segwe se tlaa mo tshegetsa.

10Segole o se fitlhetswe mo mmung,

le mogotlha mo tseleng.

11Ditheregiso di tlaa mmoifisa

mo ntlheng tsotlhe,

di mo gata direthe.

12Nonofo ya gagwe

e tlaa jewa ke tlala,

tatlhego e tlaa lalela

go tlhotsa ga gagwe.

13E tlaa ja e swetsa

ditokololo tsa mmele wa gagwe;

ee, motsalwapele wa loso

o tlaa ja ditokololo tsa gagwe.

14O tlaa khumolwa mo mogopeng

wa gagwe

o o ikanyang mo go one;

o tlaa isiwa kwa kgosing ya

ditheregiso.

15Mo mogopeng wa gagwe

go tlaa aga se e seng sa gagwe gope;

sulefera se tlaa gasiwa

mo boagong jwa gagwe.

16Medi ya gagwe e tlaa omelela

kwa tlase,

kwa godimo kala ya gagwe

e tlaa kgaolwa.

17Kgakologelo ya gagwe e tlaa nyelela

mo lefatsheng,

mme ga a ketla a dira le leina lepe

mo mmileng.

18O tlaa ntshiwa mo leseding,

a lelekelwa mo lefifing,

a alolwa, a tswa mo lefatsheng.

19Ga a ketla a nna le morwawe,

kgotsa morwa morwawe

mo bathong ba ga gabo,

le fa e le a le mongwe fela

yo o tlaa salang

kwa o ne a jaka teng.

20Ba ba tlang morago

ba tlaa gakgamalela letsatsi la gagwe,

jaaka ba ba kileng ba nna pele

ba ne ba tshwarwa ke poifo.

21Ruri maago a ba ba sa siamang

a bo a ntse jalo,

mme jo ke jone bonno jwa monna

yo o sa itseng Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help