JOBE 22 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puisanyo ya boraro ya ga Jobe le ditsala tsa gagwe(Jobe 22:1 – 27:23)Elifase

1Foo ga fetola Elifase wa Motemane a re:

2 “A monna o ka dirana le molemo

mo Modimong?

Ruri yo o botlhale

o tlaa bo a na le go itirela

molemo ka esi.

3A go a bo go kgatlha Mothatayotlhe

fa o le tshiamo?

Kgotsa a go a mo thusa

fa o dira ditsela tsa gago

di nna boitekanelo?

4A ke ka ntlha ya go mmoifa ga gago

a go kgalemela,

mme a seka nao?

5Boikepo jwa gago a ga bo bogolo?

Le gone ga go na bokhutlo

jwa ditshiamololo tsa gago.

6Gonne o tshotse dipeelo

mo go ngwana a rraago ka lefela,

wa apola ba ba sa ikategang diaparo

tsa bone.

7Ga o a nosa balapi metsi,

o timile ba ba bolailweng ke tlala

dijo.

8Ka ga monna yo o seganka,

ene o ne a na le lefatshe;

le motho yo o tlotlego

a aga mo go lone.

9O tsamaisitse basadi ba batlholagadi

ba iphotlhere fela,

wa lesa mabogo a masiela a robega.

10Ke gone ka moo

diru di go dikanyeditse,

le poifo ya tshoganetso

ya go hudua.

11Kgotsa ke lefifi,

o ba o tla o sa bone,

le metsi a le mantsi

a go khurumetsa.

12A Modimo ga o mo bogodimong

jwa legodimo?

Mme leba bogodimo jwa dinaledi

go re di kwa godimo jang!

13Mme wa re Modimo o itse eng?

A o ka phunya lefifi le lentsho,

mme wa atlhola?

14Maru a a kwenneng a o sireleditse,

mme o sa bone; o tsamaya mo

tikologong ya legodimo.

15A o rata go tsaya tsela e kgologolo

e baikepi ba e gatileng?

16Ba ba phamotsweng

e ise e nne lobaka lwa bone,

ba motheo wa bone

o ne wa thaololwa

jaaka kelelo ya metsi;

17ba ba reileng Modimo ba re:

‘Tloga mo go rona;’ gape ba re:

‘Mothatayotlhe o ka re direlang?’

18Le fa go ntse jalo

o ne a tladitse matlo a bone

ka dilo tse di molemo;

a kgakololo ya baikepi

e nne kgakala le nna.

19Basiami ba a go bona,

mme ba a itumela;

ba ba se nang molato

ba ba tshega ka tshotlo,

20ba re:

‘Ruri bone ba ba re tsogologetseng

ba kgaotswe;

le makunantsana a bone

molelo o a laitse.’

21A ko o mo itemotshe,

mme o nne mo kagisong; mme

molemo o tlaa go diralela ka gone.

22Ke a go rapela, o amogele molao

mo molomong wa one,

baya mafoko a one

mo pelong ya gago.

23Fa o boela kwa go Mothatayotlhe,

o tlaa agiwa,

fa o tlosetsa tshiamololo kgakala

le megope ya gago.

24Khumo ya gago o e beye

mo mmung,

le gouta ya Ofire

mo majeng a melatswana;

25Mothatayotlhe e tlaa nna ene

khumo ya gago le selefera sa gago

se se tlhokegang.

26Gonne foo o tlaa inatetsha

mo go Mothatayotlhe,

mme o tlaa tsholeletsa Modimo

sefatlhogo sa gago.

27O tlaa o rapela,

mme o tlaa go utlwa;

o tlaa lefa maikano a gago.

28Le gone o tlaa ikaelela sengwe,

mme o tlaa se tlhomamisediwa;

lesedi le tlaa phatsimela

ditsela tsa gago.

29E tlaa re fa ba go digela fa fatshe

o tlaa re: ‘Go na le bokakatlololo’;

le motho yo o boikokobetso

o tlaa mmoloka.

30O tlaa phedisa le e leng ene

yo o sa tlhokeng molato;

ee, o tlaa phedisiwa

ka go itsheka ga diatla tsa

gago.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help