TITO 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tumediso

1Ke nna Paulo, motlhanka wa Modimo, le moaposetole wa ga Jesu Keresete, ka fa tumelong ya baitshenkedwi ba Modimo, le ka fa kitsong ya boammaaruri e e ka fa poifongmodimo,

2mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo;

3mme wa bonatsa lefoko la one mo metlheng e e leng yone, ka taetso e ke e neetsweng ka fa taolong ya Modimo Mmoloki wa rona.

4 Ke kwalela Tito, ngwanake ruri ka fa tumelong e re e tlhakanetseng: Tshegofatso le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Moreboloki.

Tiro ya ga Tito kwa Kerete

5Ke ne ka go tlogela kwa Kerete ka gone moo, gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di tlhaela, le gore o tlhome bagolwane mo motseng mongwe le mongwe jaaka ke go laile;

6 ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo.

7Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo;

8mme e le yo o tlwaetseng go tshola batho, e le morati wa se se molemo, e le yo o mogopolo o o lekalekanyeng, a le tshiamo, a le boitshepo, a na le go ikgapa;

9a ngaparetse lefoko le le ikanyegang, le le leng ka fa thutong, gore a tle a nonofe go laya ka thuto e e itekanetseng, le go fenya baganetsi.

10Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba ganang taolo, e le babui ba ba ithamakang fela, le batsietsi mme bogolo bone ba bogwera,

11ba melomo ya bone e tshwanetseng go thijwa; e le batho ba ba ribigetsang ba matlo ba le mmogo, ba ruta batho dilo tse di sa tshwanelang, e le gore ba tle ba bone khumo.

12Mongwe wa bone, e le mokaedi mongwe wa bone, o rile: “Bakerete ke baaki ka gale le ka gale, ba sefolofolo se se maswe, ke dijabele tse di bobodu fela.”

13Tshupo eo ke boammaaruri. O ba kgalemele thata ka ntlha ya gone moo, gore ba tle ba itekanele mo tumelong.

14Ba sa tlhokomele mainane a Sejuta, le ditaolo tsa batho ba ba fapogang boammaaruri.

15Mo go ba ba itshekileng, dilo tsotlhe di itshekile; mme mo go ba ba leswe, le ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; mme go le tlhaloganyo ya bone e leswe, le segakolodi sa bone se leswe.

16Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone, ka ba le makgapha, ba le kgopo, ba tlhobosegile ka ga tiro nngwe le nngwe e e molemo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help