DIANE 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ngwana wa mosimane yo o botlhale o utlwa thuto ya ga rraagwe, mme mosotli ga a utlwe kgalemelo.

2Motho o tlaa ja se se molemo ka loungo lwa molemo wa gagwe, mme mowa wa yo o bonongwane o tlaa ja thubakego.

3Yo o dibelang molomo wa gagwe o ipolokela botshelo, mme yo o atlhamolosang dipounama tsa gagwe thata o tlaa bona tshenyego.

4Mowa wa serorobe o a eletsa, mme ga o na sepe, mme mowa wa motlhoafadi o tlaa nontshiwa.

5Motho yo o siameng o ila maaka, mme motho yo e leng moikepi o nkga sebodu, mme o wela mo ditlhonngeng.

6Tshiamo e dibela ene yo o thokgameng mo tseleng, mme boikepo bo ribegetsa moleofi.

7Go na le yo o ikhumisang, le fa go ntse jalo ga a na sepe; go na le yo o ikhumanegisang, le fa go ntse jalo a ne le khumo e kgolo.

8Serekololo sa botshelo jwa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme mohumanegi ga a utlwe go bopelwa gope.

9Lesedi la mosiami le a itumela, mme lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa.

10Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale.

11Khumo e e bonyweng ka boithamako e tlaa ngotlafadiwa, mme yo o phuthang ka go dira ka mabogo o tlaa totelwa.

12Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo.

13Le fa e le mang yo o nyatsang lefoko o iteretse tshenyego, mme yo o boifang taolo o tlaa duelwa.

14Molao wa ba ba botlhale ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso.

15Tlhaloganyo e e molemo e naya motho botsalano, mme tsela ya yo o bonongwane e makgawekgawe fela.

16Motho mongwe le mongwe yo o bonokopela o dira ka kitso, mme seeleele se tle se tsharolole bosilo.

17Morongwa yo o ikepang o wela mo bosuleng, mme morongwa yo o boikanngo ke phodiso.

18Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlotlwa.

19Keletso e e dirafetseng e monate mo moeng, mme go fedise dieleele pelo go tloga mo bosuleng.

20Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.

21Bosula bo khukhela baleofi, mme basiami ba tlaa duelwa ka molemo.

22Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.

23Go dijo dikgolo mo temong ya bahumanegi, mme go tle go nne le mo go senngwang ka ntlha ya go faposiwa ga tshiamiso.

24Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.

25Mosiami o jela go kgorisa mowa wa gagwe, mme mpa ya moikepi e tlaa gabalala.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help