JOBE 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Foo Jobe a fetola, a re:

2“Ga go na pelaelo,

ke lona batho tota,

mme botlhale bo tlaa swa le lona.

3Mme le nna ke na le tlhaloganyo

jaaka lona;

ga ke kwa tlase ga lona:

ee, dilo tse di ntseng jalo,

e mang yo o sa di itseng?

4Ke ntse jaaka mongwe

yo o leng setshego sa ba ga gabo,

e le motho yo o kileng a biletsa

kwa Modimong,

mme wa mo araba;

mosiami, monna yo o itekanetseng

ke ene setshego.

5Mo mogopolong

wa yo o mo boiketlong

go na le go nyatsa botlhoka lesego,

gone go etleetsegetse yo o relelang.

6Megope ya dinokwane

ya tlhogonolofala,

le ba ba gakatsang Modimo

ba thagame;

ba Modimo o tsenyang letlotlo

mo seatleng sa bone.

7Mme a ko o botse ditshedi jaana,

mme di tlaa go ruta;

le dinonyane tsa loapi,

mme di tlaa go bolelela.

8Kgotsa o bue le lefatshe,

le tlaa go ruta;

le ditlhapi tsa lewatle,

di tlaa go kakanyetsa.

9Ke ofe yo o sa itseng

ka dilo tsotlhe tse,

fa seatla sa ga Jehofa se dirile mo?

10Yo mowa wa sengwe

le sengwe se se tshedileng

o leng mo seatleng sa gagwe,

le mowa wa batho botlhe fela.

11A tsebe ga e leke mafoko,

fela jaaka magalapa

a tle a utlwe dijo?

12Botlhale bo na le batsofe,

le mo bontsing jwa malatsi

go na le tlhaloganyo.

13Mo go one go na le botlhale,

le thata;

ke one o o nang le kgakololo

le tlhaloganyo.

14Bona, o a tle o rutlolole,

mme ga go kake ga agiwa gape;

o tswalele motho,

mme go bo go sa kake

ga dirana le pulo.

15Bona, o tle o gane ka metsi,

mme a tšhe; gape o a lese,

mme a pitikolole lefatshe.

16Nonofo e na le one,

le go digela go dira;

yo o tsiediwang ke wa one,

le yo o tsietsang.

17One o tlosa bagakolodi ba thopilwe,

le baatlhodi o ba dire dieleele.

18O hunolola dikgole tsa dikgosi,

o bofe ditheka tsa tsone

ka moitlamo.

19O tlosa baperesiti ba thopilwe,

o ribegetse bathati.

20O tlosa puo ya ba ba ikanyegang,

o tlose tlhaloganyo ya bagolwane.

21O goromeletsa lonyatso

mo magosaneng,

o repise moitlamo wa bathati.

22O epolola dilo tse di boteng

mo lefifing, le moriti wa loso

o o ntshetse mo leseding.

23O ntsifatsa merafe,

mme o e senye;

o anamisa merafe,

mme o e buse.

24O tlosa pelo ya bagolwane

ba batho ba lefatshe,

o ba kgarakgatshe mo nageng

kwa go se nang tsela.

25Ba apaape mo lefifing

ba se na lesedi,

mme o ba kgokgweetse

jaaka motho yo o tagilweng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help