ISAIA 44 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa ke ene esi Modimo

1“Le fa go ntse jalo, utlwa jaana,

wena Jakobe motlhanka wa me;

le Iseraele yo ke go itshenketseng;

2go bua jaana,

Jehofa yo o go dirileng,

a go bopa o sa le mo sebopelong,

yo o tlaa go thusang, a re:

Se boife wena Jakobe,

motlhanka wa me;

le wena Ješurune

yo ke go itshenketseng.

3Gonne ke tlaa tshela metsi

mo go ene yo o nyorilweng,

le dinokana mo lefatsheng

le le omeletseng;

losika lwa gago ke tlaa lo tshela

mowa wa me,

le matlhogela a gago tshegofatso ya me.

4Ba tlaa tlhoga mo bojangnyeng jaaka

medibonoka fa meelong ya metsi.

5Mongwe o tlaa re:

‘Nna, ke wa ga Jehofa;’

le yo mongwe o tlaa ipitsa

ka leina la ga Jakobe;

mme yo mongwe

o tlaa ikwalela Jehofa

ka seatla sa gagwe;

yo mongwe o tlaa itheta

ka leina la Iseraele.”

6 Go bua jaana Jehofa, Kgosi ya Iseraele le morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo a re:

“Ke nna wa ntlha,

ke bile ke wa bofelo,

mme kwa ntle ga me

ga go na Modimo ope.

7E mang jaaka nna, yo o tlaa bitsang,

a ba a se bolela, a se nthulaganyetsa,

ka e le nna ke baakantseng

batho ba bogologolo?

Le dilo tse di tlang,

le tse di tlaa diralang,

a ba di bolele.

8Se boifeng,

le gone lo se ka lwa tshoga;

a ga ke a go bolelela bogologolo,

ka ba ka se supa?

Mme le lona lo basupi ba me.

A go na le modimo mongwe

kwa ntle ga me?

Ee, ga go na Lefika lepe.

Nna, ga ke itse lepe.”

Jehofa o kgala boeleele jwa go obamela disetwa

9Ba ba betlang setshwantsho se se setwang ba boithamako botlhe fela; dilo tse di eletsegang tsa bone, ga di ketla di thusa sepe; le ba e leng basupi ba bone ga ba bone sepe, le gone ga ba itse, gore ba tle ba tlhajwe ke ditlhong.

10Mang yo o betlileng modimo, kgotsa a tshela setshwantsho se se setwang se se nang le thuso nngwe?

11Bonang, bankana ba gagwe ba tlaa tlhajwa ke ditlhong; mme badiri ke batho fela; a ba phuthwe mmogo, a ba eme ka dinao; ba tlaa boifa, ba tlhajwa ke ditlhong mmogo.

12Mothudi o a tle a thule selepe, a dire ka magala a se baakanye ka dinoto a se thule ka letsogo la gagwe le le thata; ee, a bolawe ke tlala, mme thata ya gagwe e tlhaele, a se ke a nwe metsi, mme a idibale.

13Mmetli wa dikgong o a tle a ngamole thapo, a lo rale ka lekgaba la letsoku, a lo sete ka meseto, a lo ralarale ka tshitswana ya kompase, a lo etse setshwantsho sa motho, ka fa bontleng jwa motho, gore se nne mo ntlong.

14O tle a ithemele masetara, a tseye setlhare sa motswere, kgotsa sa mooka, a ithatafaletse sengwe sa ditlhare tsa sekgwa; o a tle a tlhome setlhare sa mokoso, mme pula e se otle.

15Foo e tlaa bo e le sa motho go se fisa; a tseye ga sone a ore; ee, a se gotse molelo a bese senkgwe ka sone; ee, a se dire modimo a o obamele; a se dire setshwantsho se se setilweng, mme a wele fa pele ga sone.

16Ntlha nngwe a se fise mo molelong; a je nama ka ntlha nngwe ya sone; a bese, a kgore; ee, a ore, mme a re: “Ehe! Ke orile, ke bonye molelo.”

17Mme ka mo go setseng a dire modimo, e bong setshwantsho se se setilweng sa gagwe; a tloge a wele fa pele ga sone a se obamele, a se rapele a re: “Nkgolola tlhe, gonne o modimo wa me.”

18Ga ba itse, le gone ga ba gopole, gonne o ba buduladitse matlho, jalo ba sa kake ba bona; le dipelo tsa bone, jalo ba sa kake ba tlhaloganya.

19Mme ga go ope yo o ikgopodisang, le gone ga go na kitso le fa e le tlhaloganyo ya go re: “Ke fisitse ntlha nngwe ya sone mo molelong; ee, le gone ke besitse senkgwe mo magaleng a sone; ke besitse nama ka e ja, mme a ke tlaa tloga ke dira makgapha ka mo go setseng; a ke tlaa wela fa pele ga sesana sa setlhare?”

20O ja melora fela; pelo e e tsietsegileng e mo fapositse, mme a sa kake a golola mowa wa gagwe, le fa e le go re: “A jaana maaka ga a mo seatleng sa me se segolo?”

Jehofa ke mmopi le morekolodi wa Iseraele

21“Gakologelwa dilo tse, wena Jakobe,

le Iseraele,

gonne o motlhanka wa me;

ke go bopile,

o motlhanka wa me;

wena Iseraele,

ga o ketla o lebalwa ke nna.

22Ke kaolotse ditlolo tsa gago

jaaka leru le le kwenneng,

le dibe tsa gago jaaka leru;

boela mo go nna,

gonne ke go rekolotse.”

23Opelang lona magodimo,

gonne Jehofa o dirile;

thelang lošalaba

lona mafelo a kwa tlase a lefatshe;

ponyegang ka sefela,

lona dithaba;

wena sekgwa,

le setlhare sengwe le sengwe

se se mo go sone;

gonne Jehofa o rekolotse Jakobe,

o tlaa ikgalaletsa mo go Iseraele.

24Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, e bile ke ene yo o sa leng a go bopa mo sebopelong:

“Ke nna Jehofa

yo ke dirang dilo tsotlhe,

yo ke phuthololang magodimo

ke le nosi;

yo ke ritibatsang lefatshe ke le nosi;

yo ke nang nae ya bo e le mang?

25 Yo ke tlhokafisang ditshupo

tsa baaki,

le baitseanape ke ba tsentshang;

yo ke busetsang

batho ba ba botlhale kwa morago,

ke dira kitso ya bone boeleele fela.

26Yo ke tlhomamisang lefoko

la motlhanka wa me,

ke dirafatsa kgakololo

ya barongwa ba me;

yo ke buang ka ga Jerusalema ke re:

‘O tlaa nnwa;’

le ka ga metse ya Juta,

ke re: ‘E tlaa agiwa,

mme ke tlaa tsosolosa mafelo a gone

a a kgakgabetseng;’

27yo ke rayang lediba le le boteng

ke re:

‘Tšha, mme ke tlaa kgadisa dinoka

tsa gago.’

28 Yo ke buang ka ga Kurose, ke re:

‘Ke motho wa me yo o disang,

mme o tlaa dirafatsa

go kgatlhega ga me gotlhe fela;’

yo ke rayang Jerusalema, ke re:

‘O tlaa agiwa;’ le tempele, ke re:

‘Motheo wa gago o tlaa thaiwa.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help