PESALEMA 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go thusiwa kgatlhanong le baikepiPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Sheminitha.

1Thusa Jehofa; gonne

mmoifa Modimo o a khutla;

gonne ba ba ikanyegang

ba a tlhaela mo baneng ba batho.

2Ba bua boithamako,

mongwe le mongwe le wa ga gabo;

ba bua ka dipounama tse di hakang

le ka pelo e e leng pedi.

3Jehofa o tlaa kgaola dipounama

tsotlhe tse di hakang,

e bong loleme lo lo buang

dilo tse dikgolo;

4ba ba rileng:

“Re tlaa fenya ka loleme lwa rona;

dipounama ke tsa rona fela;

e mang yo e leng morena

godimo ga rona?”

5“Jaanong, ke tlaa tloga

ke tsogela kgapelo ya bahumanegi,

le phegelo ya batlhoki,”

go bua Jehofa;

“mme ene yo ba mo budulang

ke tlaa mmaya mo polokegong.”

6Mafoko a ga Jehofa

ke mafoko a a itshekileng;

a ntse jaaka selefera se se lekilweng

mo boubelong mo mmung,

se itshekisitswe ga supa.

7Wena, Jehofa o tlaa ba boloka,

o tlaa ba dibela mo losikeng lo

ka bosakhutleng.

8Baikepi ba tsamayatsamaya

ka ntlha tsotlhe mogang bomaswe

bo godisiwang mo baneng ba batho.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help