ISAIA 47 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go atlholwa ga Babilone

1 “Fologa, o dule mo loroleng,

wena kgarebane

morwadia Babilone; dula fa fatshe

o se na setulo sa bogosi,

wena morwadia Bakalatea;

gonne ga o ketla o tlhola o bidiwa

seetlaetlana le tlekeetso.

2Tsaya ditwala o sile boupe;

tlosa sesiro sa gago,

kgekgetholola ditlhaya tsa mosese,

apola lekoto, o gobue dinoka.

3Bosaikategang jwa gago

bo tlaa bipologa,

ee, ditlhong tsa gago di tlaa bonala;

ke tlaa lefetsa, mme

ga nketla ke amogela motho ope.”

4Morekolodi wa rona,

Jehofa wa masomosomo ke leina la

gagwe,

Moitshepi wa Iseraele.

5“Nna fa fatshe o didimale,

o bo o ikele mo lefifing,

wena morwadia Bakalatea;

gonne ga o ketla o tlhola o bidiwa

Mohumagadi wa magosi.

6Ke ne ke galefetse batho ba me,

ka tlhapatsa boswa jwa me, mme

ka ba tsenya mo seatleng sa gago;

ga o a ka wa nna kutlwelobotlhoko

mo go bone;

mme ba ba tsofetseng

o ba beile jokwe ya gago

wa e imafatsa mo go bone.

7Wa re: ‘Ke tlaa nna mohumagadi

ka bosakhutleng;’

jalo ga o a ka wa baya dilo tse

mo pelong ya gago,

le fa e le go gakologelwa

bokhutlo jwa tsone.

8 “Ke gone jaana, utlwa se,

wena yo o ineetseng mo

dikgatlhegong fela,

o agile fela o sa re sepe,

wena yo o ithayang mo pelong, o re:

‘Ke nna,

mme ga go na ope o sele fa e se nna;

ga nketla ke nna ke le motlholagadi

le fa e le go itse

go latlhegelwa ke bana.’

9Dilo tse tsoo pedi

di tlaa go tlela ka bofetshwana

ka letsatsi le lengwe fela,

go latlhegelwa ke bana

le botlholagadi;

di tlaa go wela ka botlalo jwa tsone,

fa gare ga bontsintsi jwa ditoo tsa

gago, le fa gare

ga letlotlo la mereo ya gago.

10Gonne o ntse o ikantse boikepo

jwa gago;

o rile: ‘Ga go ope yo o mponang;’

botlhale jwa gago le kitso ya gago

di go fapositse;

mme o itheile mo pelong, wa re:

‘Ke nna, mme ga go na ope o sele

fa e se nna fela.’

11Ke gone ka moo bosula

bo tlaa go tlelang, mme

ga o ketla o itse bophepa jwa lone;

le bosenye bo tlaa go wela;

o tlaa retelelwa ke go bo ikgofa;

le tshwafalo e o sa e itseng

e tlaa go tlela ka tshoganetso.

12Ema jaana ka mereo ya gago,

le bontsi jwa ditoo tsa gago,

e le dilo tse o sa leng o itapisa ka

tsone le mo bokaung jwa gago;

ya tla ya re gongwe

wa bona thuso,

e ka tla ya re gongwe wa fenya.

13O kgobegile mo bontsing jwa

dikgakololo tsa gago;

a balomologanyi ba magodimo,

le balepi ba dinaledi,

le baboledi ba ditirafalo tsa

dikgwedi ba eme,

a ba go dibele mo dilong

tse di tlaa tlang mo go wena.

14Bonang, ba tlaa nna jaaka dirine

fela; molelo o tlaa ba fisa;

ga ba ketla ba ikgolola mo thateng

ya kgabo;

ga e ketla e nna legala le le orwang,

le fa e le molelo

o go ka tlhorangwang fa go one.

15Dilo tse o ntseng o itapisa ka tsone

di tlaa nna jalo mo go wena;

ba ba sa leng ba bapala nao

mo bokaung jwa gago,

mongwe le mongwe o tlaa ikailela

kwa ga gagwe;

ga go ketla go nna le ope

yo o go bolokang.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help