PESALEMA 21 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya go fenya mmabaPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Kgosi e tlaa itumela

mo thateng ya gago Jehofa;

e tlaa ipela mo gogolo jang

mo polokong ya gago!

2O e neile keletso ya pelo ya yone,

ga o a gana topo ya dipounama

tsa yone. Sela.

3O e tletse pele ka masego a molemo;

wa baya serwalo sa gouta e e bontle

bogolo mo tlhogong ya yone.

4E go lopile botshelo, wa e bo naya;

e bong boleele jwa malatsi

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

5Kgalalelo ya yone e kgolo

mo polokeng ya gago;

o baya tlotlo le borena mo go ene.

6Gonne o dira gore

a nne sego bogolo thata ka

bosakhutleng; wa mo jesa monate

ka boitumelo fa pele ga gago.

7Gonne kgosi e ikantse Jehofa;

ka ntlha ya bopelonomi

jwa lorato jwa Mogodimodimo

ga e ketla e tshikinyega.

8Letsogo la gago

le tlaa phoroma baba botlhe ba gago;

letsogo la gago le legolo

le tlaa phoroma ba ba go ilang.

9O tlaa ba dira jaaka leiso la mouba

le le molelolelo mo motlheng wa

bogale jwa gago.

Jehofa o tlaa ba kometsa

mo tšhakgalong ya gagwe,

mme molelo o tlaa ba laila

o ba nyeletsa.

10Loungo lwa bone o tlaa lo senya

lo tswa mo lefatsheng,

le losika lwa bone

lo tswa mo baneng ba batho.

11Gonne ba ne ba laotse bosula

ka ga gago;

ba loga maano a ba sa nonofang

go a dirafatsa.

12Gonne o tlaa ba retolola,

o itse go laelela sefatlhogo sa bone

ka megala ya bora jwa gago.

13O nne o goletsege, Jehofa,

ka thata e e leng ya gago;

jalo re tlaa opela,

re ba re baka nonofo ya gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help