1Modimo, a ko o nne
boutlwelobotlhoko mo go nna;
gonne motho o rata a bo a ka
nkometsa; o a mpatika ka go tlhola
a tlhabana ka letsatsi lotlhe.
2Baba ba me ba rata ba ka bo ba
nkometsa ka letsatsi lotlhe;
gonne ba bantsi ba ba tlhabanang
le nna ka bopelompe.
3Mo motlheng o ke boifang ka one,
ke tlaa ikanya mo go wena.
4Mo Modimong
ke tlaa baka lefoko la one;
ke ikantse mo go one Modimo,
ga nketla ke boifa;
kana yo o nama o ka ntirang?
5Ba tlhola ba sokamisa mafoko a me
letsatsi lotlhe;
megopolo yotlhe ya bone
e nkemeletse go ntirela bosula.
6Ba a iphutha, ba a iphitlha,
ba lata motlhala wa me,
fela jaaka ba ntse
ba laletse mowa wa me.
7A ba tlaa falola ka boikepo?
Modimo diga ditšhaba mo bogaleng.
8Dikgarakgatshego tsa me o a di bala.
A ko o tsenye dikeledi tsa me
tsotlhe mo modutwaneng wa gago;
a ga di mo lokwalong lwa gago?
9Ke gone baba ba me
ba tlaa boang ka morago
mo letsatsing le ke bitsang ka lone;
mo ke a go itse,
fa Modimo o le ntlheng ya me.
10Mo Modimong ke tlaa baka lefoko
la one; mo go Jehofa
ke tlaa baka lefoko la gagwe.
11Ke ikantse mo go one Modimo,
ga nketla ke boifa,
kana motho o ka ntirang?
12Maikano a gago Modimo
a mo go nna;
ke tlaa go ntshetsa ditshupelo
tsa go leboga.
13Gonne o golotse mowa wa me
mo losong; a ga o a thiba
dinao tsa me mo go kgotšweng?
Gore ke tle ke nne ke tsamaye
fa pele ga Modimo
mo leseding la batshedi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
