TSHENOLO 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Baengele ba dipetso tsa bofelo

1Ka bona sesupo se sengwe mo legodimong, se segolo le se se gakgamatsang, e bong baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa tse e leng tsa bofelo, gonne bogale jwa Modimo bo fediwa ka tsone.

2Ka bona e kete lewatle la segalase go tlhakanye le molelo; le ba ba fitlhang ba tswa go fenya sebatana le setshwantsho sa sone; le palo ya leina la sone, ba eme fa lewatleng leo la segalase, ba tshotse diharepa tsa Modimo.

3 Ba bo ba opela sefela sa ga Moše motlhanka wa Modimo, le sefela sa ga Kwana, ba re:

“Ditiro tsa gago di dikgolo

di bile di kgakgamatso,

Morena, Modimo, Mothatayotlhe;

ditsela tsa gago di tshiamo

le boammaaruri, Kgosi ya metlha.

4 Morena,

e mang yo o se ketlang a boifa,

a galaletsa leina la gago?

Gonne o boitshepo o le wesi;

gonne merafe yotlhe

e tlaa tla e obamela

fa pele ga gago;

gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo

di bonaditswe.”

5 Morago ga dilo tse ka leba, mme tempele ya motlaagana wa tshupo mo legodimong ya bulwa.

6Mo tempeleng ga tswa baengele ba supa, ba tshotse dipetso di supa, ba kgabisitswe ka majana a a tlhokegang, a mantle le a a phatsimang, ba iphapile mafatlha ka meiphapo ya gouta.

7Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa neela baengele ba supa megotšana ya gouta e supa, e tletse bogale jwa Modimo o o tshedileng ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

8 Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo, le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go tsena mo tempeleng dipetso tsa baengele ba supa di ise di be di fele pele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help