JOBE 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“Mowa wa me

o tennwe ke botshelo jwa me;

ke tlaa golola go itoka ga me;

ke tlaa bua ka bogalaka

jwa mowa wa me.

2Ke tlaa raya Modimo ke re,

O se ka wa ntshekisa;

o nkaele ka fa o ganelang

le nna ka gone.

3A go molemo mo go wena

fa o ka patika,

fa o ka nyatsa tiro

ya diatla tsa gago,

mme o phatsimela

kgakololo ya baikepi?

4A o na le matlho a nama,

kgotsa a o bona jaaka motho a bona?

5A malatsi a gago

a tshwana jaaka malatsi a motho,

kgotsa dinyaga tsa gago,

jaaka malatsi a motho,

6fa e bo ne ne o botsa

ka ga boikepo jwa me,

o hukutsa ka ga boleo jwa me,

7le fa o ntse o itse

fa ke se boikepo;

le gone go se na ope

yo o ka gololang

mo seatleng sa gago?

8Diatla tsa gago di mpopagantse,

tsa ntshwatshwaela fela gotlhe;

le fa go ntse jalo o a ntshenya.

9Ke a go rapela,

a ko o nkgakologelwe

go re o mpopile jaaka letsopa;

mme a o tlaa ba o mpusetsa

mo loroleng?

10A ga o a nthela jaaka maši,

wa nthemisa jaaka madila

a a loileng.

11O nkapesitse letlalo le nama,

o ntshwaragantse ka marapo

le mesifa.

12O nneile botshelo le botsalano,

le pabalelo ya gago

e tlametse mowa wa me.

13“Le fa go ntse jalo,

dilo tse o ne wa di loba

mo pelong ya gago;

ke a itse fa selo se, se na nao;

14fa ke leofa,

foo o a tle o ntlhokomele,

mme ga o ketla o nkgolola

mo boikepong jwa me.

15Fa ke le boikepo,

go tlaa bo go latlhega nna;

mme fa ke le tshiamo,

le fa go ntse jalo

ga nketla ke tsholetsa tlhogo;

ka ke tletse ditlhong,

ke ntse ke lebile patikego ya me.

16Ka tlhogo ya me e ikgoletsa,

o a tle o ntsome jaaka tau;

gape o iponatse kgakgamatso

mo go nna.

17O ntšhafaletsa basupi ba gago

ba ba nnayang molato,

o ntotisetse kgakalo ya gago;

ntwa e e tlhomaganyeng

le ntwa e tlhabana le nna.

18“E le foo o nntsheditse eng

mo sebopelong?

Nka bo ke ne ke sule,

leitlho lepe le koo

le se ka la mpona.

19Nka bo ke ne ke tshwana jaaka

fa nka bo ke seyo gope;

nka bo ke ne ke tsewa

mo sebopelong ka isiwa phupung.

20A malatsi a me ga a mabotlana?

Ke gone khutla,

mme o ntese gore ke tle

ke ikgomotse go le gonnye,

21ke ise ke ye

kwa ke se ketlang ke boa gone,

e bong kwa lefatsheng la lefifi

le la moriti wa loso;

22lefatshe la lefifi

le le kwenneng jaaka lefifi tota;

lefatshe la moriti wa loso

le le se nang thulagano,

le kwa lesedi le ntseng

jaaka lefifi gone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help