HABAKUKE 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya ga Habakuke

1Morapelo wa ga Habakuke moperofeti, o o rulaganyeditsweng Shigionothe.

2Jehofa, ke utlwile tumedi ya gago,

mme ka boifa;

Jehofa rudisa tiro ya gago

mo gare ga dinyaga,

mo gare ga dinyaga

o dire gore e itsiwe;

o re o le bogale

o gakologelwe boutlwelobotlhoko.

3Modimo o ne wa tswa kwa

Temane,

le Moitshepi kwa thabeng ya

Parane. Sela.

Kgalalelo ya gagwe

ya apesa magodimo,

le lefatshe la tlala pako ya gagwe.

4Le phatsimo ya gagwe

e ne e ntse jaaka lesedi;

go ne go tswa marang

mo seatleng sa gagwe;

le go sujwa ga nonofo ya gagwe

go ne go le teng.

5Kgogodi ya mo etelela pele,

le melelo ya tladi ya tlapana

ya tswa fa dinaong tsa gagwe.

6A ema, a lekanya lefatshe;

a leba, mme a phatlalatsa merafe;

le dithaba tsa bosakhutleng

tsa faladiwa,

le makhubu a a sa yeng kae

a ikoba;

ditsamao tsa gagwe

di ne di ntse jaaka bogologolo.

7Ka bona megope ya Kušane

e le mo pitlaganong;

dilepelelo tsa lefatshe la Midiane

tsa tetesela.

8A Jehofa o ne a itumologela dinoka?

A o ne o le bogale le dinoka,

kgotsa a o ne o gakaletse lewatle,

fa e bo ne ne o ne o palame

dipitse tsa gago,

o palame dikara tsa gago

tsa poloka?

9Bora jwa gago

bo ne bo senoletswe ruri,

maikanelo a ditso

e le lefoko la tlhomamo. Sela.

O ne wa tsetsereganya

lefatshe ka dinoka.

10Dithaba tsa go bona,

mme tsa boifa;

morwalela o o makhubukhubu

wa feta;

boteng jwa ntsha kodu,

jwa tsholeletsa mabogo godimo.

11Letsatsi la ema

mo bonnong jwa lone,

le yone kgwedi;

ka lesedi la metswi ya gago

ka e hulega,

ka phatsimo ya lerumo la gago

le le galalelang.

12O ne wa ralala lefatshe ka kgakalo,

wa photha merafe, o le bogale.

13Wa tswela poloko ya batho ba gago,

poloko ya ba gago

ba ba tloditsweng,

wa ntsha tlhogo ya ntlo ya baikepi

ntho, wa senola motheo

go ya fela kwa thamong. Sela.

14O ne wa phunya yo o leng tlhogo

ya batlhabani ba gagwe

ka marumo a gagwe fela;

ba ne ba tsile

jaaka setsuatsue go mphalatsa;

go duduetsa ga bone go ne go ntse

jaaka e kete ga go jela ruri

bahumanegi ka bosaitsiweng.

15O ne wa gata lewatle

ka dipitse tsa gago,

e bong mokoa wa metsi a a thata.

16Ka utlwa, mme mpa ya me

ya roroma, dipounama tsa me

tsa tlakaselela lentswe;

go nyera ga ntsena mo marapong,

ka roroma mo felong ga me;

ka go lebelela motlha wa tlalelo,

mogang o bololelang batho,

e bong ene yo o mo tlhaselang

a le ditlhophatlhopha.

17Gonne le fa mofeige

o se ketla o thunya,

le fa go tlaa bo go se na loungo

mo mafineng; tiro ya motlhware

e ka tla ya tlhaela,

le matlhagare a se ka a ntsha dijo;

letsomane le ka tla la kgaolwa

mo lesakaneng,

mme go se ka ga dirana

le matlhape mo marakeng.

18Le fa go ntse jalo

ke tlaa itumela mo go Jehofa,

ke tlaa ipela

mo Modimong wa poloko ya me.

19 Jehofa, Morena, ke thata ya me,

o dira dinao tsa me

di nna jaaka maoto a tshephe,

o tlaa ntsamaisa

mo mafelong a me a a godimo.

Go diretswe moopedi yo mogolo mo diletsong tsa me tse di ditlhale.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help