GENESISE 42 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Barwa-rraagwe Josefe ba ya go reka mabele kwa Egepeto

1Jakobe a bona fa go na le mabele kwa Egepeto; mme a raya bomorwawe a re: “Lo lebanelang?”

2 A re: “Bonang, ke utlwile fa go na le mabele kwa Egepeto; fologelang gone, lo re rekele mabele gone, gore re tle re tshele, re se ka ra a swa.”

3Bomogoloa Josefe ba ba some ba bolola ba ya go reka mabele kwa Egepeto.

4Mme Benjamine, monnaa Josefe, Jakobe ga a ka a mo roma le bomogolowe gonne a re, e se re kgotsa tatlhego ya mo wela.

5Bomorwa Iseraele ba ya go reka ba tlhakana le ba ba yang gone, gonne leuba le ne le le mo lefatsheng la Kanana.

6Josefe e ne e le molaodi wa lefatshe; ya bo e le ene yo o rekisang mo bathong botlhe ba lefatshe. Bomogoloa Josefe ba tla ba mo ikobela fa fatshe ka difatlhogo tsa bone.

7Mme Josefe a bona bomogolowe, mme a ba itse, mme a ipaya moeng mo go bone, a bua nabo ka thata. A ba raya a re: “Lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.”

8Josefe a bo a itse bomogolowe; mme bone ba se ka ba mo itse.

9 Josefe a gakologelwa ditoro tse o kileng a di lora ka ga bone, mme a ba raya a re: “Lo ditlhola fela; lo tsile gore lo bone bosaikategang jwa lefatshe.”

10Ba mo raya ba re: “Nnyaa, morena wa me, batlhanka ba gago ba tsile go reka dijo.

11Rotlhe re bomorwa monna a le mongwe fela; re banna ba mmaanete, batlhanka ba gago ga se ditlhola.”

12A ba raya a re: “Nnyaa, lo tsile gore lo bone bosaikategang jwa lefatshe fela.”

13Ba re: “Rona batlhanka ba gago re bana ba le 12, re bomorwa monna a le mongwe fela kwa lefatsheng la Kanana; mme bona, yo mmotlana gompieno o na le rraarona, yo mongwe ga a yo.”

14Josefe a ba raya a re: “Aitse ke sone se ke se buileng le lona ka re lo ditlhola.

15Lo tlaa lekwa ka mo; ka botshelo jwa ga Faro ga lo ketla lo tswa mono fa monnaa lona yo mmotlana a sa tle kwano pele.

16Romang mongwe wa lona a ye go tlisa monnaa lona, lona lo tlaa golegwa, gore mafoko a lona a lekwe boo go na le boammaaruri mo go lona; fa go sa nna jalo, ke ikana ka botshelo jwa ga Faro lo tla bo lo le ditlhola ruri.”

17A ba tsenya botlhe mmogo mo tisong ka malatsi a le moraro.

18Ka letsatsi le boraro Josefe a ba raya a re: “Dirang se, lo tshele; gonne nna ke boifa Modimo.

19A e re fa lo le banna ba mmaanete, a mongwe wa bomorwa rraa lona a golegelwe mo ntlong ya lona ya kgolegelo; lona lo tsamaye lo isetse tlala ya matlo a lona mabele.

20Lo lere monnaa lona yo mmotlana kwano go nna; jalo mafoko a lona a tlaa bo a le mabolelela ruri, ga lo ketla loo swa.” Ba dira jalo.

21Ba raana ba re: “Ruri re molato ka ga monnaa rona, jaaka e rile re bona tlalelo ya mowa wa gagwe jale, ka a re rapela, ra gana go utlwa; ke gone ka fa tlalelo e e tsileng mo go rona ka gone.”

22 Rubene a ba fetola a re: “A ga ke a ka ka lo raya jale ka re: ‘Se leofeleng ngwana,’ mme lwa gana go utlwa? Ke gone, bonang, madi a gagwe a a lopiwa.”

23Ba bo ba sa itse fa Josefe a ba utlwa, gonne go ne go na le mofetoledi wa puo gare ga bone.

24Mme a ba fularela, a lela; a boela kwa go bone, a bua nabo, mme a tshwara Simeone a mo tsaya mo go bone, a mo golega fa pele ga matlho a bone.

Barwa-rraagwe Josefe ba boela kwa Kanana

25Foo Josefe a laola gore dilwana tsa bone di thelwe mabele di tlale, le gore madi a mongwe le mongwe a rebolelwe mo kgetseng ya gagwe, le gore ba fiwe mofago; ba ba direla jalo.

26Ba belesa mabele mo dieseleng, ba tswa gone ba tsamaya.

27E rile mongwe wa bone a bofolola kgetse ya gagwe go fa esela ya gagwe dijo ba le felong fa ba lalang gone, a kwaa madi a gagwe; mme bonang, a bo a le mo molomong wa kgetse ya gagwe.

28A raya bomorwa rraagwe a re: “Madi a me a rebotswe, mme bonang, a mo kgetsing ya me”; mme pelo tsa bone tsa sula, ba lebana, ba roroma ba re: “Selo se ke eng, se Modimo o se re diretseng?”

29Mme ba fitlha kwa go Jakobe rraabo mo lefatsheng la Kanana, ba mmolelela tsotlhe tse di ba diraletseng; ba re:

30“Monna yole, morena wa lefatshe lele, a bua le rona ka thata, a ba a re, re ditlhola tsa lefatshe.

31Ra mo raya ra re: ‘Re banna ba mmaanete; ga re ditlhola;

32re bana ba le 12 ba monna, re bomorwa rraa rona; mongwe ga a yo, yo mmotlana gompieno o na le rraa rona kwa lefatsheng la Kanana.’

33Monna yole morena wa lefatshe leo, a re raya a re: ‘Ke tlaa itse ka moo lo le banna ba mmaanete; tlogelang mongwe wa bomorwa rraeno le nna, lo isetse tlala ya matlo a lona mabele, mme lo tsamaye.

34Lo lere monnaa lona yo mmotlana kwano go nna, foo ke tlaa itse fa lo se ditlhola, lo le banna ba mmaanete; jalo ke tlaa lo neela morwa rraa lona, lo tlaa nna lo bapala mo lefatsheng.’ ”

35Ga dirala ya re ba ntsha mabele mo dikgetseng tsa bone, bonang, phuthela ya madi a mongwe le mongwe ya bo e le mo kgetseng ya gagwe. Ba re ba bona, le rraabo a bona diphuthela tsa madi, ba tshoga.

36Jakobe rraabo, a ba raya a re: “Nna lo nthopile bana; Josefe ga a yo, le Simeone ga a yo, lo bile lo rata go tlosa Benjamine; dilo tse tsotlhe di nkwela maswe.”

37Rubene a raya rraagwe a re: “E tlaa re fa ke sa mo tlise kwano go wena, o tle o bolaye bomorwaake ba babedi; mo tsenye mo tisong ya me fela, ke tlaa ba ke mo tlisa mo go wena gape.”

38Mme a re: “Morwaake ga a ketla a fologa le lona; gonne mogolowe o sule, ke ene esi yo o setseng. E tlaa re fa tatlhego e mo wela mo tseleng e lo e tsamayang foo moriri wa me o o thuntseng lo tlaa o folosetsa ka bohutsana mo phupung.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help