PESALEMA 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Malebogo a tshiamo ya ModimoPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Muthe-labene.

1Ke tlaa leboga Jehofa

ka pelo yotlhe ya me;

ke tlaa bolela ditiro tsotlhe tsa gago

tse di gakgamatsang.

2Ke tlaa ipela ke kgana ka boitumelo

mo go wena;

ke tlaa opelela leina la gago pako,

wena Mogodimodimo;

3e a re baba ba me ba boela

kwa morago, ba kgopiwe,

ba nyelele ka sebonalo sa gago.

4Gonne o emetse tshiamo ya me

le go seka ga me;

o ne o dutse mo setulong sa bogosi

o atlhola ka tshiamo.

5O kgalemetse merafe,

o sentse baikepi,

o timeditse leina la bone

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

6Baba ba feletse ruri,

ba swafetse ka bosakhutleng;

le metse e o e pitikolotseng,

le e leng go gopolwa ga yone

go nyeletse fela nayo.

7Jehofa o dutse e le kgosi

ka bosakhutleng;

setulo sa gagwe sa bogosi

o se baakanyeditse katlholo.

8O tlaa atlhola lefatshe ka tshiamo;

o tlaa direla ditšhaba katlholo

ka thokgamo.

9Gape, Jehofa o tlaa nna kago

e e godileng ya botshabelo

jwa bone ba ba patikwang,

kago e e godileng ya botshabelo

mo metlheng ya dipitlagano;

10ba ba itseng leina la gago

ba tlaa ikanya mo go wena;

gonne wena, Jehofa,

ga o a latlha ba ba go batlang.

11Opelelang Jehofa

yo o agileng mo Sione dipako;

bolelang mo ditšhabeng

ditiro tsa gagwe.

12Gonne yo o lefetsang tshololo

ya madi o a ba gakologelwa;

ga a lebale go goa ga bahumanegi.

13Nkutlwela botlhoko, Jehofa;

leba go patikwa ga me

ke ba ba nkilang,

wena yo o ntlhatlosang

mo dikgorong tsa loso;

14gore ke tle ke bonatse

pako yotlhe ya gago;

ke tlaa re mo dikgotleng

tsa morwadia Sione

ke itumele mo polokeng ya gago.

15Merafe e ribegetse

ka lemena le e le dirileng;

lonao lwa bone ka bosi lo tshwerwe

ke lotloa lo ba lo thaileng mo phitlhong.

16Jehofa o ipoletse,

o dirile tshekiso;

moikepi o tshwarisitswe ke tiro

ya diatla tsa gagwe ka esi.

HIGAIONE. Sela.

17Baikepi ba tlaa boela Bobipong,

e bong merafe yotlhe

e e lebalang Modimo.

18Gonne batlhoki ga ba ketla

ba lebalwa ka metlha yotlhe,

le fa e le tebelelo ya bahumanegi

ga e ketla e nyelela

ka bosakhutleng.

19Tloga o eme, Jehofa,

a motho a se fenye;

a merafe e atlholwe

mo ponong ya gago.

20Jehofa, ba boifise;

a merafe e ikitse fa e le batho fela.

Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help